1 Johane 3:1-24
3 Bonang gore ke lorato lwa mofuta ofe+ lo Rara a lo re neileng, gore re bidiwe bana ba Modimo;+ mme re bone. Ke gone ka moo lefatshe+ le sa re itseng, ka gonne ga le ise le mo itse.+
2 Baratwa, jaanong re bana ba Modimo,+ mme go fitlha jaanong ga go ise go dirwe gore go bonatshege se re tla nnang sone.+ Re a itse gore motlhang a bonadiwang+ re tla tshwana le ene, ka gonne re tla mmona fela jaaka a ntse.+
3 Mme mongwe le mongwe yo tsholofelo eno e tlhomilweng mo go ene o a iitshekisa+ fela jaaka yoo a itshekile.
4 Mongwe le mongwe yo o leofang+ gape ga a dire kafa molaong,+ mme jalo boleo ke go sa dire kafa molaong.
5 Lo a itse gape gore yoo o ne a bonadiwa gore a tlose maleo a rona,+ mme ga go na boleo+ mo go ene.
6 Mongwe le mongwe yo o nnang a le seoposengwe+ le ene ga a tsamaye mo boleong;+ ga go na ope yo o tsamayang mo boleong yo o kileng a mmona kgotsa a mo itse.+
7 Bana ba bannye, a ope a se ka a lo tsietsa; yo o tsamayang mo tshiamong o tshiamo, fela jaaka yoo a le tshiamo.+
8 Yo o tsamayang mo boleong o tswa mo go Diabolo, ka gonne Diabolo o ntse a leofa go tloga kwa tshimologong.+ Morwa Modimo o ne a bonadiwa+ ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.+
9 Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a tsamaye mo boleong, ka gonne peo ya Gagwe ya go tsala e ntse mo go yo o ntseng jalo, mme ga a ka ke a tsamaya mo boleong, ka gonne o tsetswe ke Modimo.
10 Bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba supega ka ntlha eno: Mongwe le mongwe yo o sa tsamayeng mo tshiamong ga a tswe mo Modimong, le ene yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe.
11 Ka gonne ono ke molaetsa o lo o utlwileng go tloga kwa tshimologong, gore re tshwanetse go ratana;+
12 e seng jaaka Kaine, yo o neng a tswa mo go yo o boikepo mme a bolaya+ morwarraagwe. Mme ke ka ntlha yang a ne a mmolaya? Ka gonne ditiro tsa gagwe di ne di le boikepo,+ mme tsa ga morwarraagwe di siame.+
13 Lo se ka lwa gakgamala, bakaulengwe, go bo lefatshe le lo tlhoile.+
14 Re a itse gore re kgabagantse go tswa losong go ya botshelong,+ ka gonne re rata bakaulengwe. Yo o sa rateng o ntse mo losong.+
15 Mongwe le mongwe yo o tlhoileng+ mokaulengwe wa gagwe ke mmolai,+ mme lo a itse gore ga go na mmolai+ ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.+
16 Re simolotse go itse lorato+ ka seno, ka gonne yoo o ne a neela moya wa gagwe mo boemong jwa rona;+ mme re patelesega go neela meya ya rona mo boemong jwa bakaulengwe ba rona.+
17 Mme le fa e le mang yo o nang le mo go tshegetsang botshelo+ ga lefatshe leno mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka+ mme le fa go ntse jalo a mo tswalela setswalo sa mapelotlhomogi,+ ke ka tsela efe lorato lwa Modimo lo ntseng mo go ene?+
18 Bana ba bannye, a re rateng,+ e seng ka lefoko le fa e le ka loleme,+ mme ka tiro+ le boammaaruri.+
19 Re tla itse ka seno gore re tswa mo boammaaruring,+ mme re tla tlhomamisetsa dipelo tsa rona fa pele ga gagwe
20 ka ga selo le fa e le sefe se dipelo tsa rona di ka re bonang molato mo go sone,+ ka gonne Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.+
21 Baratwa, fa dipelo tsa rona di sa re bone molato, re na le kgololesego ya go bua ka ga Modimo;+
22 mme le fa e le eng se re se kopang re se amogela mo go ene,+ ka gonne re boloka ditaelo tsa gagwe mme re dira dilo tse di itumedisang mo matlhong a gagwe.+
23 Eleruri, eno ke taelo ya gagwe, gore re nne le tumelo mo leineng la Morwawe e bong Jesu Keresete+ re bo re ratane,+ fela jaaka a ne a re naya taelo.
24 Mo godimo ga moo, yo o bolokang ditaelo tsa gagwe o nna a le seoposengwe le ene, le ene o seoposengwe le yo o ntseng jalo;+ mme ka seno re nna le kitso ya gore o ntse seoposengwe le rona,+ ka ntlha ya moya+ o a neng a o re naya.