1 Dikgosi 22:1-53

22  Mme ba tswelela ba nna go se na ntwa fa gare ga Siria le Iseraele dingwaga di le tharo.  Mme ga diragala gore mo ngwageng wa boraro Jehoshafate+ kgosi ya Juda a ye kwa kgosing ya Iseraele.  Go tswa foo kgosi ya Iseraele ya raya batlhanka ba yone ya re: “A ruri lo a itse gore Ramothe-gileade+ ke ya rona? Mme le fa go ntse jalo re okaoka go e tsaya mo seatleng sa kgosi ya Siria.”  Mme a raya Jehoshafate a re: “A o tla ya le nna tlhabanong kwa Ramothe-gileade?”+ Foo Jehoshafate a raya kgosi ya Iseraele a re: “Ke tshwana le wena. Batho ba me ba tshwana le batho ba gago.+ Dipitse tsa me di tshwana le dipitse tsa gago.”  Le fa go ntse jalo, Jehoshafate a raya kgosi ya Iseraele a re: “Tsweetswee, kopa+ lefoko la ga Jehofa pele.”  Ka jalo kgosi ya Iseraele ya phutha baporofeti mmogo,+ banna ba ka nna makgolo a manè, mme ya ba raya ya re: “A ke tsogologele Ramothe-gileade ka ntwa, kgotsa ke tlogele?” Mme ba simolola go re: “Tlhatloga,+ mme Jehofa o tla e tsenya mo seatleng sa kgosi.”  Mme Jehoshafate a re: “A ga go na moporofeti yo mongwe wa ga Jehofa fano? A re botseng ka ene.”+  Foo kgosi ya Iseraele ya raya Jehoshafate ya re: “Go sa ntse go na le monna a le mongwe yo re ka botsang ka ene mo go Jehofa;+ mme nna ruri ke mo tlhoile,+ gonne ga a porofete dilo tse di molemo ka nna fa e se tse di bosula+—Mikaia morwa Imela.” Le fa go ntse jalo, Jehoshafate a re: “A kgosi e se ka ya bua selo se se ntseng jalo.”+  Ka jalo kgosi ya Iseraele ya bitsa modiredi+ mongwe wa ntlo ya kgosi mme ya re: “A ko o tlise Mikaia morwa Imela ka bonako.”+ 10  Jaanong kgosi ya Iseraele le Jehoshafate kgosi ya Juda mongwe le mongwe wa bone o ne a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi, a apere diaparo,+ mo seboaneng fa botsenong jwa kgoro ya Samarea; mme baporofeti botlhe ba ne ba dira jaaka baporofeti fa pele ga bone.+ 11  Go tswa foo Sedekia morwa Kenana a itirela dinaka tsa tshipi mme a re: “Jehofa o buile jaana,+ ‘O tla kgorometsa Basiria ka tseno go fitlha o ba fedisa.’”+ 12  Mme baporofeti ba bangwe botlhe ba ne ba porofeta se se tshwanang le seo, ba re: “Tlhatlogela kwa Ramothe-gileade mme o atlege; mme ruri Jehofa o tla e tsenya mo seatleng sa kgosi.”+ 13  Mme morongwa yo o neng a ile go bitsa Mikaia a bua le ene, a re: “Bona jaanong! Mafoko a baporofeti a dumalana ka go nna molemo mo kgosing. A lefoko la gago, tsweetswee, le nne jaaka lefoko la mongwe wa bone, mme o bue molemo.”+ 14  Mme Mikaia a re: “Jaaka Jehofa a tshela,+ se Jehofa a tla se buang le nna, ke sone se ke tla se buang.”+ 15  Mme a tsena kwa kgosing, mme kgosi ya mo raya ya re: “Mikaia, a re ye Ramothe-gileade ka ntwa, kgotsa re tlogele?” Gone fela foo a mo raya a re: “Tlhatloga mme o atlege; mme Jehofa ruri o tla e tsenya mo seatleng sa kgosi.”+ 16  Foo kgosi ya mo raya ya re: “Ke go ikanisa ga kae gore o se ka wa bua sepe le nna fa e se boammaaruri fela mo leineng la ga Jehofa?”+ 17  Ka jalo a re: “Ruri ke bona Baiseraele botlhe ba gasame+ mo dithabeng, jaaka dinku tse di se nang modisa.+ Mme Jehofa o ne a re: ‘Bano ga ba na beng. Mma mongwe le mongwe wa bone a boele kwa ntlong ya gagwe ka kagiso.’”+ 18  Go tswa foo kgosi ya Iseraele ya raya Jehoshafate ya re: “A ga ke a go raya ka re, ‘Ga a kitla a porofeta dilo tse di molemo ka nna fa e se tse di bosula’?”+ 19  Mme a tswelela a re: “Ka jalo utlwa lefoko la ga Jehofa:+ Ruri ke bona Jehofa a ntse mo setulong sa gagwe+ sa bogosi mme masomosomo otlhe a magodimo a eme fa go ene, kafa mojeng wa gagwe le kafa molemeng wa gagwe.+ 20  Mme Jehofa a re, ‘Ke mang yo o tla tsietsang Ahabe, gore a tlhatlogele kwa Ramothe-gileade mme a wele teng?’ Mme yono a simolola go bua seno, fa yole a ne a bua sele.+ 21  La bofelo moya+ wa tswa mme wa ema fa pele ga ga Jehofa wa re, ‘Nna ka bonna ke tla mo tsietsa.’ Foo Jehofa a o raya a re, ‘Ka eng?’+ 22  Foo wa re, ‘Ke tla tswa, mme ruri ke tla nna moya o o tsietsang mo molomong wa baporofeti botlhe ba gagwe.’+ Ka jalo a re, ‘O tla mo tsietsa, mme mo godimo ga moo, o tla fenya.+ Tswa mme o dire jalo.’+ 23  Mme jaanong bona, Jehofa o tsentse moya o o tsietsang mo molomong wa baporofeti bano ba gago+ botlhe; mme Jehofa ka boene o buile masetlapelo malebana le wena.”+ 24  Sedekia morwa Kenana jaanong a atamela a itaya Mikaia mo lerameng+ mme a re: “Tota ke ka tsela efe moya wa ga Jehofa o neng wa tswa mo go nna gore o bue le wena?”+ 25  Foo Mikaia a re: “Bona! O tla bona gore ke ka tsela efe mo letsatsing la fa o tla bo o tsena mo ntlwaneng e e kwa tengteng+ gore o iphitlhe.”+ 26  Go tswa foo kgosi ya Iseraele ya re: “Tsaya Mikaia mme o mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joashe morwa kgosi.+ 27  Mme o re, ‘Kgosi e buile jaana:+ “Tsenyang motho yono mo ntlong ya kgolegelo+ mme lo mo fepe ka kabelo e e fokoditsweng ya senkgwe+ le ka kabelo e e fokoditsweng ya metsi go fitlha ke tla ka kagiso.”’”+ 28  Foo Mikaia a re: “Fa o ka boa ka kagiso, Jehofa ga a a bua le nna.”+ Mme a oketsa a re: “Utlwang, lona ditšhaba tsotlhe.”+ 29  Mme kgosi ya Iseraele le Jehoshafate kgosi ya Juda ba tlhatlogela kwa Ramothe-gileade.+ 30  Jaanong kgosi ya Iseraele ya raya Jehoshafate ya re: “Ke tla ikgakisa batho ke bo ke tsena mo tlhabanong,+ mme fa e le wena, o apare diaparo tsa gago.”+ Ka jalo, kgosi ya Iseraele ya ikgakisa batho+ mme ya tsena mo tlhabanong.+ 31  Mme kgosi ya Siria yone, e ne e laetse balaodi ba le masome a mararo le bobedi+ ba dikara tse e neng e le tsa yone e re: “Lo tlhabane, e seng le ba ba botlana kgotsa ba bagolo, mme le kgosi ya Iseraele e le nosi.”+ 32  Mme ga diragala gore fela fa balaodi ba dikara ba bona Jehoshafate, bone ba ipolelela ba re: “Ruri ke kgosi ya Iseraele.”+ Ka jalo ba fapogela kwa thoko kwa go ene go tlhabana le ene; mme Jehoshafate a simolola go goa a kopa thuso.+ 33  Mme ga diragala gore fela fa balaodi ba dikara ba bona gore e ne e se kgosi ya Iseraele, ka yone nako eo ba boa mo go mo saleng morago.+ 34  Mme monna mongwe o ne a oba bora, mme a tlhaba kgosi ya Iseraele fa gare ga malokololo le moitshomelo wa phemelo a sa ikaelela, mo a neng a raya mokgweetsi wa kara ya gagwe+ a re: “Retolosa seatla, mme o nketshe mo bothibelelong, ka gonne ke gobetse mo go maswe.” 35  Mme tlhabano ya nna ya gakala mo letsatsing leo, mme kgosi e ne ya tshwanelwa ke go nna e emisitswe mo kareng e lebagane le Basiria, mme kgabagare ya swa+ mo maitseboeng; mme madi a ntho a nna a tshologela mo teng ga kara ya ntwa.+ 36  Mme mokgosi o o kwa godimo wa feta go ralala bothibelelo fa letsatsi le tloga le phirima, o re: “A mongwe le mongwe a ye kwa motseng wa gagwe le mongwe le mongwe kwa lefatsheng la gagwe!”+ 37  Jalo kgosi ya swa. Fa e ne e tlisiwa mo Samarea, foo ba fitlha kgosi mo Samarea.+ 38  Mme ba simolola go tlhatswetsa kara ya ntwa fa mogobeng wa Samarea, mme dintša tsa latswa madi a gagwe+ (le diaka tsa tlhapela teng), go ya ka lefoko la ga Jehofa le a neng a le buile.+ 39  Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Ahabe le sotlhe se a se dirileng le ntlo ya lonaka lwa tlou+ e a e agileng le metse yotlhe e a e agileng, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 40  La bofelo Ahabe a lala le borraagwemogologolwane;+ mme Ahasia+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 41  Fa e le Jehoshafate+ morwa Asa, o ne a simolotse go nna kgosi ya Juda mo ngwageng wa bonè wa ga Ahabe kgosi ya Iseraele. 42  Jehoshafate o ne a le dingwaga di le masome a mararo le botlhano fa a ne a simolola go busa, mme o ne a busa mo Jerusalema dingwaga di le masome a mabedi le botlhano; mme leina la ga mmaagwe e ne e le Asuba morwadia Shili. 43  Mme a nna a tsamaya mo tseleng yotlhe ya ga Asa rraagwe. A se ka a fapoga mo go yone, ka go dira se se neng se siame mo matlhong a ga Jehofa.+ Ke mafelo a a kwa godimo fela a a neng a se ka a nyelela. Batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo le go kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong a a kwa godimo.+ 44  Mme Jehoshafate a boloka ditirisano tsa kagiso le kgosi ya Iseraele.+ 45  Fa e le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa ga Jehoshafate le thata e a neng a dira ka yone le kafa a neng a lwa ka teng, a ga di a kwalwa mo bukeng+ ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 46  Mme diaka+ tse dingwe tsotlhe tsa banna tse di ithekisang tsa tempele tse di neng di setse mo metlheng ya ga Asa rraagwe o ne a di tlosa mo lefatsheng.+ 47  Fa e le kgosi yone, go ne go se na epe mo Edoma;+ mothusi e ne e le kgosi.+ 48  Fa e le Jehoshafate ene, o ne a dira gore dikepe tsa Tareshishe+ di ye kwa Ofire go ya go tsaya gouta; mme ga di a ka tsa ya, ka gonne dikepe tseo di ne tsa thubegela kwa Esione-gebere.+ 49  Ke gone ka nako eo Ahasia morwa Ahabe a neng a raya Jehoshafate a re: “Mma batlhanka ba me ba tsamaye le batlhanka ba gago ka dikepe,” mme Jehoshafate a se ka a dumalana.+ 50  La bofelo Jehoshafate a lala le borraagwemogologolwane+ mme a fitlhwa le borraagwemogologolwane mo Motseng wa ga Dafide+ rraagwemogologolwane; mme Jehorame+ morwawe a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 51  Fa e le Ahasia+ morwa Ahabe ene, a nna kgosi ya Iseraele kwa Samarea mo ngwageng wa bolesome le bosupa wa ga Jehoshafate kgosi ya Juda, mme a tswelela go busa Iseraele dingwaga di le pedi. 52  Mme a nna a dira se se bosula+ mo matlhong a ga Jehofa a ba a tsamaya mo tseleng ya ga rraagwe+ le mo tseleng ya ga mmaagwe+ le mo tseleng ya ga Jeroboame+ morwa Nebate, yo o neng a leofisitse+ Iseraele. 53  Mme a tswelela go direla Baale+ le go mo ikobela le go nna a kgopisa+ Jehofa Modimo wa Iseraele go ya ka sotlhe se rraagwe a neng a se dirile.

Dintlha Tse di Kwa Tlase