1 Bakorintha 8:1-13
8 Jaanong ka ga dijo tse di ntshediwang medingwana:+ re a itse gore rotlhe re na le kitso.+ Kitso e a gogomosa, mme lorato lone lo a aga.+
2 Fa mongwe a akanya gore o bapetse kitso kaga sengwe,+ ga a ise a se itse fela jaaka a tshwanetse go se itse.+
3 Mme fa mongwe a rata Modimo, yono o itsiwe ke ene.+
4 Jaanong ka ga go jewa+ ga dijo tse di ntshediwang medingwana, re a itse gore modingwana ga se sepe+ mo lefatsheng, le gore ga go na Modimo fa e se a le mongwe fela.+
5 Gonne le fa go na le ba ba bidiwang “medimo,”+ e ka ne e le kwa legodimong+ kgotsa mo lefatsheng,+ fela jaaka go na le “medimo” e le mentsi le “barena”+ ba le bantsi,
6 mo go rona go na le Modimo a le mongwe+ e bong Rara,+ yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, le rona re leng ba gagwe;+ e bile go na le Morena a le mongwe,+ e bong Jesu Keresete,+ yo dilo tsotlhe di leng ka ene,+ le rona ka ene.
7 Le fa go ntse jalo, kitso eno ga e yo mo bathong botlhe;+ mme bangwe, ka ba lemaletse modingwana go fitlha jaanong, ba ja dijo e le selo se se isediwang modingwana setlhabelo,+ mme segakolodi sa bone, ka se le bokoa, se a leswafadiwa.+
8 Mme dijo ga di na go dira gore re tshwanelege mo Modimong;+ fa re sa je, ga re tlhaele, mme, fa re ja, ga re iponele tlotlo.+
9 Mme nnang lo tlhokometse gore taolo eno ya lona ka tsela nngwe ga e nne sekgopi mo go ba ba bokoa.+
10 Gonne fa mongwe a ka go bona, wena yo o nang le kitso, o nna ka go sekama o ja mo tempeleng ya modingwana, a segakolodi sa yo o bokoa yoo ga se na go agega mo a tla jang dijo tse di ntshediwang medingwana?+
11 Tota motho yo o bokoa o senngwa ke kitso ya gago, mokaulengwe wa gago yo Keresete a neng a mo swela.+
12 Mme fa lona lo leofela bakaulengwe ba lona jalo lo bo lo gobatsa digakolodi+ tsa bone tse di bokoa, lo leofela Keresete.
13 Jalo, fa e le gore dijo di dira gore mokaulengwe wa me a kgotšwe,+ gotlhelele ga ke kitla ke tlhola ke ja nama gape, gore ke se ka ka kgopisa+ mokaulengwe wa me.