1 Bakorintha 12:1-31

12  Jaanong ka ga dimpho tsa semoya,+ bakaulengwe, ga ke batle gore lo bo lo se na kitso.  Lo a itse gore fa lo ne lo le batho ba ditšhaba,+ lo ne lo gogelwa kwa medingwaneng+ eo e e se nang lentswe+ fela jaaka go ne ga direga gore lo gogwe.  Jalo ke ne ke tla dira gore lo itse gore ga go na ope yo fa a bua ka moya wa Modimo a reng: “Jesu o hutsitswe!”+ e bile ga go na ope yo o ka reng: “Jesu ke Morena!” fa e se ka moya o o boitshepo.+  Jaanong go na le dimpho tse di farologaneng,+ mme go na le moya o le mongwe fela;+  gape go na le mefuta e e farologaneng ya bodiredi,+ mme le fa go ntse jalo go na le Morena a le mongwe fela;+  e bile go na le ditiro tse di farologaneng,+ mme le fa go ntse jalo ke Modimo+ a le mongwe fela yo o dirang ditiro tsotlhe mo bathong botlhe.  Mme go bonatshega ga moya go newa mongwe le mongwe ka boikaelelo jo bo mosola.+  Ka sekai, yo mongwe o newa puo ya botlhale+ ka moya, yo mongwe puo ya kitso+ go ya ka one moya oo,  yo mongwe tumelo+ ka one moya oo, yo mongwe dimpho tsa diphodiso+ ka one moya o le mongwe oo, 10  yo mongwe gape go dira ga ditiro tse di maatla,+ yo mongwe go porofeta,+ yo mongwe temogo+ ya dipolelo tse di tlhotlheleditsweng, yo mongwe diteme tse di farologaneng,+ mme yo mongwe go phutholola+ diteme. 11  Mme ditiro tseno tsotlhe di dirwa ke moya o le mongwe fela,+ o abela mongwe le mongwe+ ka go farologana fela jaaka o rata.+ 12  Gonne fela jaaka mmele o le mongwe mme o na le ditokololo di le dintsi, le ditokololo tsotlhe tsa mmele oo, le mororo di le dintsi, mme e le mmele o le mongwe,+ le Keresete o ntse jalo.+ 13  Gonne eleruri re ne ra kolobediwa+ rotlhe ka moya o le mongwe mo mmeleng o le mongwe, e ka ne re le Bajuda kgotsa Bagerika, e ka ne re le batlhanka kgotsa re gololesegile, mme rotlhe re ne ra dirwa gore re nwe+ moya o le mongwe. 14  Gonne eleruri mmele ga se tokololo e le nngwe, mme ke tse dintsi.+ 15  Fa lonao lo ka re: “Ka gonne ke se seatla, ga ke karolo ya mmele,” seo ga se dire gore e se nne karolo ya mmele.+ 16  Mme fa tsebe e ka re: “Ka gonne ke se leitlho, ga ke karolo ya mmele,” seo ga se dire gore e se nne karolo ya mmele.+ 17  Fa mmele otlhe o ne o le leitlho, go utlwa go ka bo go le kae? Fa otlhe e ne e le go utlwa, go dupa go ka bo go le kae? 18  Mme jaanong Modimo o tlhomile ditokololo mo mmeleng, nngwe le nngwe ya tsone, kafa a neng a rata+ ka gone. 19  Fa tsotlhe di ne di le tokololo e le nngwe,+ mmele o ka bo o le kae? 20  Mme jaanong ke ditokololo di le dintsi,+ le fa go ntse jalo e le mmele o le mongwe. 21  Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: “Ga ke go tlhoke”; kgotsa, gape, tlhogo ga e ka ke ya raya dinao ya re: “Ga ke lo tlhoke.” 22  Mme bogolo go na le moo ke kgang ya gore ditokololo tsa mmele tse di bonalang di le bokoanyana+ di a tlhokega, 23  le dikarolo tsa mmele tse re akanyang gore ke tse di sa tlotlegeng thata, tseno re di dikanyetsa ka tlotlo e kgolo thata,+ mme jalo dikarolo tsa rona tse di seng dintle di kgatlha fela thata, 24  fa dikarolo tsa rona tse di kgatlhang tsone di sa tlhoke sepe. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a kopanya mmele, a naya karolo e e neng e na le tlhaelo tlotlo e kgolo thata, 25  gore mmele o se ka wa kgaogana, fa e se gore ditokololo tsa one di tle di tlhokomelane ka tsela e e tshwanang.+ 26  Mme fa tokololo e le nngwe e boga, ditokololo tse dingwe tsotlhe di boga+ le yone; kgotsa fa tokololo e galalediwa,+ ditokololo tse dingwe tsotlhe di ipela le yone.+ 27  Jaanong lo mmele wa ga Keresete, le ditokololo motho ka bongwe.+ 28  Mme Modimo o tlhomile batho ka go farologana ga bone mo phuthegong,+ sa ntlha, baaposetoloi;+ sa bobedi, baporofeti;+ sa boraro, barutisi;+ go tswa foo ditiro tse di maatla;+ go tswa foo dimpho tsa diphodiso;+ ditiro tsa go thusa,+ bokgoni jwa go kaela,+ diteme tse di farologaneng.+ 29  Ga se botlhe ba e leng baaposetoloi, a ga go jalo? Ga se botlhe ba e leng baporofeti, a ga go jalo? Ga se botlhe ba e leng barutisi, a ga go jalo? Ga se botlhe ba ba dirang ditiro tse di maatla, a ga go jalo? 30  Ga se botlhe ba ba nang le dimpho tsa diphodiso, a ga go jalo? Ga se botlhe ba ba buang ka diteme,+ a ga go jalo? Ga se botlhe ba e leng baranodi,+ a ga go jalo? 31  Mme nnang lo batle dimpho tse dikgolwane+ ka tlhoafalo. Mme le fa go ntse jalo ke lo bontsha tsela e e di gaisang tsotlhe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase