Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswelela Pele ka Botshelo Jwa Gago Morago ga Tlhalo

Go Tswelela Pele ka Botshelo Jwa Gago Morago ga Tlhalo

“Ke ne ke utlwile botlhoko thata e bile ke gamaregile. Botshelo jwa gago bo tsamaya sentle, mme ka tshoganyetso fela, ga o tlhole o na le sepe.”—MARK, * yo o nang le ngwaga a tlhadile.

“Monna wa me o ne a ratana le mosadi mongwe yo o lekanang le morwadiarona. Fa re ne re tlhalana, ke ne ka wela makgwafo ka gonne ke ne ke sa tlhole ke tlhoka go itshokela kgalefo ya gagwe mme gape ke ne ke ikutlwa ke tlontlolotswe e bile ke se na mosola.”—EMMELINE, yo o setseng a na le dingwaga di le 17 a tlhadilwe.

Batho bangwe ba tlhalana ka gonne ba solofetse gore ba tla tokafatsa botshelo jwa bone mme ba bangwe ba batla go tswelela ba le mo lenyalong mme ga ba kgone go pateletsa balekane ba bone gore ba se ka ba tsamaya. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang batho botlhe ba ba tlhalanang ba fitlhela gore botshelo bo thata go na le kafa ba neng ba lebeletse ka gone. Tota e bile, fa e le gore o sa tswa go tlhala, o ka tswa o fitlhela gore ke nngwe ya dilo tse di ngomolang pelo thata tse o kileng wa lebana le tsone. Ka jalo, go ka nna molemo fa o ka ela tlhoko kgakololo e e mosola e e tswang mo Baebeleng e e ka go thusang gore o atlege go lebana le dikgwetlho tsa tlhalo.

KGWETLHO 1: BOIKUTLO JO BO SA SIAMANG.

Go ka nna thata go itshokela go ngomoga pelo go go bakiwang ke mathata a madi, go godisa bana le go jewa ke bodutu mme maikutlo a a ntseng jalo ga a fele ka bonako. Moithutatlhaloganyo yo o sa tlholeng a tshela e bong Judith Wallerstein o ile a lemoga gore dingwaga di le dintsi morago ga tlhalo, batho bangwe ba ikutlwa ba tsieditswe e bile ba latlhilwe, ba akanya gore “botshelo ga bo ba tshware sentle, bo kgoba marapo e bile bo dira gore ba jewe ke bodutu.”

SE O KA SE DIRANG

  • Iphe nako ya go hutsafala. O ka tswa o tlhologelelwa molekane yo o sa ntseng o mo rata. Tota le fa lenyalo la lona le ne le se monate, o ka nna wa hutsafala ka gonne  o sa nna le lenyalo le le itumetseng le o neng o solofetse go nna le lone. (Diane 5:18) O se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go ipha “nako ya go lela.”—Moreri 3:1, 4.

  • Tila go itlhaola. Le fa gone o tlhoka go nna o le nosi gore o kgone go hutsafala, go itlhaola nako e telele ga go a siama. (Diane 18:1) Bua ka dilo tse di agang fa o na le ditsala tsa gago, ka gonne tota le fa o ka tswa o na le lebaka la go ngongorega ka motho yo o tlhalaneng le ene, go ngongorega gangwe le gape go ka dira gore ba bangwe ba go katoge. Fa o tlhoka go dira ditshwetso tse di botlhokwa ka bonako morago ga tlhalo, kopa thuso e e ka go tswelang mosola mo mothong yo o mo ikanyang.

  • Tlhokomela botsogo jwa gago. Gantsi go ngomoga pelo ka ntlha ya tlhalo go ka go bakela malwetse a a jaaka haebolate le migraine. Ja sentle, itshidile mmele mme o robale mo go lekaneng.—Baefeso 5:29.

  • Phutha dilo tse di dirang gore o galefele motho yo o tlhalaneng le ene kgotsa tse o sa di tlhokeng mme boloka dipampiri tse di botlhokwa. Fa dilo tse di jaaka ditshwantsho tsa lenyalo di dira gore o hutsafale, di phuthe o di tsenye mo mabokosong mme o di bolokele bana ba gago.

  • Lwantsha boikutlo jo bo sa siamang. Olga yo o neng a tlhala monna wa gagwe ka go bo a ne a dirile boaka, a re: “Ke ne ke nna ke ipotsa gore, ‘Mosadi yole o na le eng se nna ke se nang sone?’” Le fa go ntse jalo, jaaka Olga a ile a lemoga moragonyana, go nna o ntse o akanya ka dilo tse di sa siamang go ka nna ga dira gore o nne le “moya o o hutsafetseng.”—Diane 18:14.

    Batho ba le bantsi ba lemogile gore go kwala se ba se akantseng go ba thusa gore ba akanye sentle le gore ba laole dikakanyo tsa bone. Fa o dira seno, leka go akanya ka dilo tse dingwe tse di siameng go na le dilo tse di sa siamang tse o di lwantshang. (Baefeso 4:23) Ela tlhoko dikai tse pedi tseno:

    Ya kgale: Ke molato wa me go bo molekane wa me a ile a se ka a ikanyega.

    E ntšha: Diphoso tsa me di ne di sa neye molekane wa me tetla ya gore a se ka a ikanyega.

    Ya kgale: Ke ile ka senya dingwaga tsa me tse di botlhokwa le monna yo o sa ntshiamelang.

    E ntšha: Ke tla itumela thata fa nka tswelela ka botshelo ke sa lebe kwa morago.

  • Itlhokomolose dikakgelo tse di utlwisang botlhoko. Ditsala le ba losika ba ba ka tswang ba sa ikemisetsa go go utlwisa botlhoko ba ka nna ba bua dilo tse di utlwisang botlhoko kgotsa le e leng tse di seng boammaaruri ka se se go diragaletseng: ‘Tota e bile o ne a sa go tshwanela’ kgotsa ‘Modimo o tlhoile tlhalo.’ * Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Baebele e gakolola jaana: “O se ka wa isa mafoko otlhe a batho ba ka a buang kwa pelong.” (Moreri 7:21) Martina, o ne bua jaana dingwaga tse pedi morago ga tlhalo ya gagwe: “Go na le go re ke nne ke akanya ka mafoko a a utlwisang botlhoko, ke leka go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone. Dikakanyo tsa gagwe di kwa godimo ga dikakanyo tsa rona.”—Isaia 55:8, 9.

  • Rapela Modimo. O kgothaletsa baobamedi ba gagwe gore ‘ba latlhele tlhobaelo yotlhe ya bone mo go ene,’ segolobogolo fa ba ngomogile pelo thata.—1 Petere 5:7.

LEKA SENO: Kwala ditemana tsa Baebele tse di go thusitseng mme o di beye mo mafelong a o tla di bonang gantsi mo go one. Mo godimo ga ditemana tse di setseng di umakilwe, batho ba le bantsi ba ba kileng ba tlhala ba ile ba thusiwa ke ditemana tseno: Pesalema 27:10; 34:18; Isaia 41:10; le Baroma 8:38, 39.

Dira gore Lefoko la Modimo le go thuse ka dinako tse di thata

KGWETLHO 2: KAMANO YA GAGO LE MOTHO YO O TLHALANENG LE ENE.

Juliana, yo o neng a nyetswe dingwaga di le 11 a re: “Ke ne ka rapela monna wa me gore a se ka a tsamaya. Mme fa a sena go tsamaya, ke ne ka mo galefela le mosadi yo a neng a ya go nna le ene.” Batho ba le bantsi ba ba tlhalang ba nna ba galefetse motho yo ba tlhalaneng  le ene ka dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ba patelesega go nna ba buisana , segolobogolo fa ba na le bana.

SE O KA SE DIRANG

  • Boloka kamano e e siameng le motho yo o tlhalaneng le ene. Tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa mme dira gore puisano ya lona e nne e e khutshwane, lo bua fela ka se se tlhokegang. Batho ba le bantsi ba lemogile gore go dira jalo go boloka kagiso.—Baroma 12:18.

  • Tila mafoko a a galefisang. Kgakololo e e molemo ya Baebele e e reng: “Ope fela yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso,” e ka thusa segolobogolo fa o akanya gore o a tlhaselwa. (Diane 17:27) Fa e le gore motlotlo wa lona o dira gore lo se ka lwa utlwana, o ka nna wa re: “Ke tlhoka go akanya ka se o se buileng mme ke tla bua le wena moragonyana.”

  • Leka thata gore o se ka wa akaretsa motho yo o tlhalaneng le ene mo dilong tsa gago, tse di jaaka tsa semolao le tsa madi.

LEKA SENO: Mo nakong e e tlang, fa o bua le motho yo o tlhalaneng le ene, ela tlhoko gore a mongwe mo go lona o a iphemela kgotsa ga a tekatekano. Fa go tlhokega, dumalanang go emisa motlotlo le gore lo tla dirisa e-mail go tlotla ka kgang eo.—Diane 17:14.

KGWETLHO 3: THUSA BANA GO TLWAELA SEEMO SE SESHA.

Maria o gakologelwa gore go ne go ntse jang morago ga tlhalo ya gagwe: “Morwadiake yo mmotlana o ne a leletse ruri e bile a simolotse gape go ntshetsa metsi mo dikobong. Le fa mosetsana wa me yo mogolo a ne a leka go fitlha maikutlo a gagwe, ke ne ke kgona go bona gore le ene o fetogile.” Ka maswabi, o ka nna wa ikutlwa o se na nako le maatla a go thusa bana ba gago fa ba go tlhoka thata.

SE O KA SE DIRANG

  • Kgothaletsa bana ba gago go bua le wena malebana le kafa ba ikutlwang ka teng, le fa seno se ka tswa se dira gore go nne le “puo e e phomesegelang fela.”—Jobe 6:2, 3.

  • A motsadi e nne motsadi mme ngwana e nne ngwana. Le fa gone o ka tswa o eletsa go bulela mongwe mafatlha e bile ngwana wa gago a iketleeleditse go go reetsa, ga go a siama go mo kopa gore a go thuse ka mathata a gago. (1 Bakorintha 13:11) Tila go dira gore ngwana wa gago e nne motho yo o mmulelang mafatlha kgotsa gore e nne motsereganyi mo gare ga gago le motho yo o tlhalaneng le ene.

  • Dira gore botshelo jwa ngwana wa gago bo se ka jwa tlhakatlhakana. Go tswelela lo nna mo lefelong le le tshwanang kgotsa go tswelela ka thulaganyo e e tshwanang go ka thusa mme se se botlhokwa le go feta ke go tswelela lo dira dilo tsa semoya, tse di jaaka mmalo wa Baebele le kobamelo ya lelapa.—Duteronome 6:6-9.

LEKA SENO: Nako nngwe mo bekeng eno, tlhomamisetsa bana ba gago gore o a ba rata le gore ga se bone ba dirileng gore wena le molekane wa gago lo tlhalane. Araba dipotso tsa bone kwantle ga go pega motho yo o tlhalaneng le ene molato.

O ka kgona go tswelela ka botshelo jwa gago morago ga tlhalo. Melissa, yo o neng a nyetswe ka dingwaga di le 16 a re: “Morago ga tlhalo, ke ne ke akanya gore ‘Eno ga se tsela e ke neng ke batla gore botshelo jwa me bo nne ka teng.’” Le fa go ntse jalo, gone jaanong o itumetse go sa kgathalesege maemo a a lebaneng le one. A re: “Fa ke ne ke tlogela go akanya ka dilo tse di fetileng, ke ne ka ikutlwa botoka thata.”

^ ser. 2 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 18 Modimo o tlhoile tlhalo ya tsietso ya boferefere. Mme fa molekane yo mongwe a dira boaka, Modimo o naya molekane yo o se nang molato tshwanelo ya go tlhopha gore a o batla go tlhala. (Malaki 2:16; Mathaio 19:9) Bona setlhogo se se reng “Kgopolo E E mo Bibeleng—Modimo O Ila Tlhalo ya Mofuta Mang?” mo makasineng wa Tsogang! wa February 8, 1994, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

IPOTSE JAANA . . .

  • A tota ke iphile nako ya go hutsafala morago ga tlhalo?

  • Nka dira jang gore ke tlogele go ikutlwa ke galefetse motho yo ke tlhalaneng le ene?