Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG?

Tumelo

Tumelo

Batho bangwe ba ipitsa badumedi mme ga ba kgone go tlhalosa gore “tumelo” ke eng. Tumelo ke eng e bile ke eng fa e le botlhokwa?

Tumelo ke eng?

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba akanya gore motho yo o nang le tumelo o amogela thuto nngwe le fa a se na bosupi bope jo bo utlwalang. Ka sekai, akanya ka motho yo o tsenang kereke a re, “Ke dumela mo Modimong.” Fa motho yoo a bodiwa gore, “Goreng o dumela mo Modimong?” a ka nna a re, “Ke godisitswe jalo” kgotsa “Ke rutilwe jalo.” Seno se ka tswa se dira gore go lebege go na le pharologanyo magareng ga go nna le tumelo le go dumela sengwe le sengwe.

SE BAEBELE E SE BUANG

“Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Gore motho a tlhomamisege ka se a se solofetseng, o tshwanetse go nna le mabaka a a utlwalang a go se tlhomamisa. Tota e bile, lefoko la ntlhantlha le le tlhalosang polelwana e e reng “go lebelela ka tlhomamisego,” le kaya se se fetang tsela e motho a ikutlwang ka yone kgotsa se se ikakanyediwang fela. Ka jalo, tumelo e akaretsa go nna le bosupi jwa se o tlhomamisegileng ka sone.

Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.”Baroma 1:20.

Goreng go le botlhokwa go nna le tumelo?

SE BAEBELE E SE BUANG

“Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Jaaka go umakilwe pelenyana, batho ba le bantsi ba dumela mo Modimong fela ka gonne ba rutilwe go dira jalo. Ba ka nna ba re, ‘Ke godisitswe jalo.’ Mme Modimo o batla gore ba ba mo obamelang ba tlhomamisege gore o teng le gore o a ba rata. Leno ke lengwe la mabaka a go bo Baebele e gatelela gore re mmatle ka tlhoafalo e le gore re mo itse.

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”Jakobe 4:8.

O ka dira eng gore o nne le tumelo?

SE BAEBELE E SE BUANG

“Tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Baroma 10:17) Ka jalo, kgato ya ntlha ya go nna le tumelo mo Modimong ke go ‘utlwa’ se tota Baebele e se rutang ka ene. (2 Timotheo 3:16) Go ithuta Baebele go tla go thusa go bona dikarabo tse di utlwalang tsa dipotso tsa botlhokwa, tse di jaaka: Modimo ke mang? A go na le bosupi jo bo bontshang gore o teng? A tota Modimo o amega ka nna? Modimo o ikaeletse eng ka isagwe?

Go na le bosupi jo bontsi jwa gore Modimo o teng

Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta Baebele. Jaaka go bontshitswe mo website ya rona ya jw.org, “Basupi ba ga Jehofa ba rata go ruta batho ka Baebele, mme gone ga re pateletse ope go nna leloko la bodumedi jwa rona. Go na le moo, ka tlotlo re go bontsha fela se Baebele e se buang, re tlhaloganya gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o batla go dumela eng.”

Kwa bokhutlong, tumelo ya gago e tshwanetse ya thewa mo bosuping jo o bo bonang fa o ntse o sekaseka se o se balang mo Baebeleng. Fa o dira jalo, o tla bo o etsa sekao sa baithuti ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba “amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

“Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”Johane 17:3.