Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSOGANG! No. 1 2022 | Lefatshe le Tlhakatlhakane—Se se Ka go Thusang

Fa maemo mo lefatsheng a ntse a nna maswe le go feta, batho ba le bantsi ba kopana le mathata ka ntlha ya masetlapelo a tlholego mme a mangwe ba a bakelwa ke batho. Ithute go itlhokomela le go tlhokomela batho ba o atamalaneng le bone.

 

Lefatshe le Tlhakatlhakane—Se se Ka go Thusang

Fa mathata a tlhaga dira sotlhe se o ka se kgonang go itshireletsa le go sireletsa ba lelapa la gago.

1 | Tlhokomela Botsogo Jwa Gago

Fa o tlhokomela botsogo jwa gago, o tla kgona go emelana le mathata botoka.

2 | Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone

Fa o dirisa madi a gago sentle go tla go thusa gore o kgone go lebana le mathata.

3 | Fetsa Nako le ba Bangwe

Bona dikakantsho tse di tla go thusang go fetsa nako le ba bangwe, e ka ne e le molekane wa gago wa lenyalo, ditsala kgotsa bana ba gago.

4 | O se Ka wa Felelwa ke Tsholofelo

Baebele e re thusa go itshokela mathata e bo e re naya tsholofelo.

Se se Mo Makasineng Ono wa Tsogang!

Ditlhogo tse di mo makasineng ono di tla go thusa le lelapa la gago go lepalepana le mathata.