Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POROJEKE YA GO ITHUTA

Go Ithuta ka Tlhoafalo go Tla go Thusa go Ntsha Matlho Dinameng

Go Ithuta ka Tlhoafalo go Tla go Thusa go Ntsha Matlho Dinameng

Bala Daniele 9:1-19 fa o batla go bona gore go ithuta ka tlhoafalo go tla go thusa jang.

Akanyetsa kwa teng ka se go buiwang ka sone. Ke dilo dife tse di sa tswang go direga, mme di ile tsa ama Daniele jang? (Dan. 5:29–6:5) O ne o ka ikutlwa jang fa o ka bo o le Daniele?

Dira dipatlisiso. Ke dibuka dife tse di boitshepo tse Daniele a neng a di bala? (Dan. 9:2, ntlh.; w11 1/1 22 ¶2) Goreng Daniele a ne a kopa Jehofa gore a itshwarele melato ya gagwe le ya Baiseraele? (Lefi. 26:39-42; 1 Dikg. 8:46-50; dp 182-184) Thapelo ya ga Daniele e bontsha jang gore o ne a ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo?​—Dan. 9:11-13.

O ithuta eng? Ipotse jaana:

  • ‘Nka dira eng gore ke se ka ka itewa tsebe ke se se diregang mo lefatsheng?’ (Mik. 7:7)

  • ‘Fela jaaka Daniele, go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo go tla ntswela mosola jang?’ (w04 8/1 12 ¶17)

  • ‘Ke ditlhogo dife tse nka di ithutang tse di ka nthusang gore ke nne ke disitse?’ (Math. 24:42, 44; w12 8/15 5 ¶7-8)