Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Paradaise

Paradaise

Paradaise ke eng?

SE BATHO BA SE BOLELANG

Batho bangwe ba akanya gore Paradaise ke tlhamane fela. Ba bangwe ba dumela gore ke lefelo le lentlentle le le tshwanang le tshimo le batho ba ba siameng ba tshelelang ruri kwa go lone mme ba dira dilo tse di itumedisang le tse di mosola.

SE BAEBELE E SE BOLELANG

Gantsi lefoko “paradaise” le dirisiwa go kaya legae la ntlha la batho, tshimo ya Edene. (Genesise 2:7-15) Baebele e tlhalosa tshimo eo e le lefelo la mmatota le banyalani ba ntlha ba neng ba tshela mo go lone ba sa lwale e bile ba sa swe. (Genesise 1:27, 28) E re ka ba ile ba se ikobele Modimo, ga ba a ka ba tlhola ba letlelelwa go nna mo legaeng la bone la paradaise. Le fa go ntse jalo, dipolelelopele di le dintsi tsa Baebele di tlhalosa gore mo isagweng batho ba tla tshela mo Paradaiseng e e tsosolositsweng.

GORENG O TSHWANETSE GO ITSE KA YONE?

Fa e le gore Modimo o lorato, go a utlwala gore a ka naya baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang botshelo jo bo molemo mo lefelong le le jaaka Paradaise. Gape go a utlwala gore o ne a tla itsise batho se ba tlhokang go se dira gore a ba amogele. Baebele ya re o ka amogelwa ke Modimo ka go ithuta ka ene le go ikobela ditaelo tsa gagwe.—Johane 17:3; 1 Johane 5:3.

“Jehofa Modimo a jala tshingwana mo Edene, . . . mme a baya gone motho yo a mmopileng.”—Genesise 2:8.

 Paradaise e kwa kae?

SE BATHO BA SE BOLELANG

Batho bangwe ba dumela gore Paradaise e kwa legodimong, fa ba bangwe bone ba bolela gore e tla nna gone mo lefatsheng mo isagweng.

SE BAEBELE E SE BOLELANG

Paradaise ya ntlha e e neng e diretswe batho e ne e le mo lefatsheng. Go bonala sentle gore Modimo o neile batho lefatshe gore e nne legae la bone la leruri. Baebele ya re Modimo o diretse polanete ya rona gore e nnele ruri. (Pesalema 104:5) Gape ya re: “Magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.”—Pesalema 115:16.

Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Baebele e re solofetsa gore go tla nna le Paradaise mo lefatsheng. Mo go yone, Modimo o tla segofatsa batho ka botshelo jo bo sa khutleng. Go tla rena kagiso le kutlwano. Botlhoko le pogo di tla bo di sa tlhole di le teng. Mme batho ba tla kgona go itumelela ka botlalo dilo tsa tlholego tse di kgatlhang tsa polanete eno.—Isaia 65:21-23.

“Mogope wa Modimo o mo bathong, . . . mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:3, 4.

Ke bomang ba ba tla tshelang mo Paradaiseng?

SE BATHO BA SE BOLELANG

Madumedi a le mantsi a ruta gore ke batho ba ba siameng fela ba ba tla tshelang mo Paradaiseng. Mme batho ga ba dumalane ka gore motho yo o “siameng” ke motho yo o ntseng jang. Ba bangwe ba akanya gore go lekane go nna le seabe mo meetlong ya bodumedi le mo dithapelong tse di dirwang e le seomodiro.

SE BAEBELE E SE BOLELANG

Baebele e ruta gore “basiami” ba tla tshela mo Paradaiseng. Mme ke mang yo Modimo a mo tsayang e le motho yo o siameng? Ga se motho yo o nnang le seabe mo meetlong ya bodumedi mme kafa letlhakoreng le lengwe a tlhokomologa thato ya Modimo. Baebele ya re: “A Jehofa o natefelwa ke ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo jaaka a natefelwa ke go utlwiwa ga lentswe la ga Jehofa? Bona! Go utlwa go botoka go na le setlhabelo.” (1 Samuele 15:22) Ka bokhutshwane, “basiami” ba ba tla tshelelang ruri mo Paradaiseng ke batho ba ba ikobelang melao ya Modimo e e mo Baebeleng.

SE O KA SE DIRANG

Go ikobela ditaelo tsa Modimo go kaya se se fetang go nna le seabe mo meetlong ya bodumedi. O ka itumedisa Modimo kgotsa wa se mo itumedise ka tsela e o itshwarang ka yone letsatsi le letsatsi. O ka ithuta go itumedisa Modimo ka go sekaseka Baebele ka kelotlhoko. Mme ga go thata go mo itumedisa. Baebele ya re “ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Modimo o tlhoafaletse go go naya tshiamelo ya go tshela mo Paradaiseng fa o mo ikobela.

“Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.