Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka Ista?

Baebele ya Reng ka Ista?

Karabo ya Baebele

Moletlo wa Ista ga o a theiwa mo Baebeleng. Mme gone, fa o batlisisa gore o simologile kae, o tla bona bokao jwa mmatota jwa one—ke ngwao e e theilweng mo meetlong ya bogologolo ya tsalo. Sekaseka dintlha tse di latelang.

  1. Leina: Buka ya Encyclopædia Britannica ya re: “Ga go tlhomamisiwe gore tota leina la Seesemane, Easter, le tswa kae; moruti wa Ba-Anglo-Saxon e bong Venerable Bede wa lekgolo la bo8 la dingwaga, o ne a le tsaya mo modimong wa sesadi wa dikgakologo wa Ba-Anglo-Saxon yo o bidiwang Eostre.” Dibuka tse dingwe di le amanya le Astarte, modimo wa sesadi wa tsalo wa Bafonekia yo o nang le maemo a a lekanang le a ga Ishtar, modimo wa Bababelona.

  2. Bommutla: Bommutla bano ba ba tshwantshetsang tsalo, “ba simologile kwa meletlong ya bogologolo e bile ba dirisiwa go tshwantshetsa meletlo ya dikgakologo ya boheitane ya kwa Yuropa le kwa Botlhabagare.”​—Encyclopædia Britannica.

  3. Mae: Go ya ka Funk & Wagnalls Standard Dictionary of Folklore, Mythology and Legend, go batla mae a Ista mo go ka tswang go simolotswe ka ntlha ya bommutla ba Ista, “ga se selo se se sa reng sepe mme ke letshwao la moetlo wa tsalo.” Batho ba ditso tse dingwe ba dumela gore mae a a kgabisitsweng a Ista “a ka tlisetsa batho boitumelo, masego, botsogo jo bo molemo le tshireletso ka kgakgamatso.”Traditional Festivals.

  4. Diaparo tse disha tsa Ista: “Fa motho a ne a dumedisa modimo wa sesadi wa Dikgakologo wa Ba-Scandinavia kgotsa Eastre, a sa apara diaparo tse disha, go ne go tsewa e le go tlhoka maitseo e bile a ka se bone masego.”—The Giant Book of Superstitions.

  5. Ditirelo tsa fa letsatsi le tlhaba: Ditirelo tseno di ne di amanngwa le meetlo ya bogologolo ya batho ba ba obamelang letsatsi “e e neng e dirwa ka dikgakologo ka nako ya fa bosigo le motshegare di lekana ka boleele gore ba amogele letsatsi le maatla a lone a go tlisa botshelo jo bosha mo dilong tsotlhe tse di tlhogang.”—Celebrations—The Complete Book of American Holidays.

The American Book of Days e tlhalosa sentle gore Ista e simologile kae: “Ga go pelaelo gore fa Kereke e simologa, e ne ya amogela dingwao tsa boheitane tsa bogologolo mme ya di tsenya mo Bokereseteng.”

Baebele e kgala go obamela Modimo re dirisa dingwao kgotsa meetlo e e sa mo itumediseng. (Mareko 7:6-8) Bakorintha wa bobedi kgaolo 6:17 ya re: “‘Lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa.’” Ista ke moletlo wa boheitane mme batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ga ba e keteke.