Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Tseye Karolo mo Meletlong ya Bosetšhaba?

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Tseye Karolo mo Meletlong ya Bosetšhaba?

 Basupi ba ga Jehofa ba tlotla dipuso le matshwao a dipuso di a dirisang. Re tlotla ditshwetso tse ba bangwe ba di dirang tsa go dira maikano, go dumedisa folaga kgotsa go opela dipina tsa bosetšhaba.

 Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye karolo mo meletlong eno ka gonne re dumela gore meletlo eno e kgatlhanong le se Baebele e se rutang. Re itumela thata fa ba bangwe ba tlotla se re se dumelang fela jaaka le rona re tlotla se ba se dumelang.

Mo setlhogong seno re tla tlotla ka dintlha tse di latelang:

 Ke melaometheo efe ya Baebele e e re kaelang?

 Melaometheo e mebedi e e latelang e re thusa go dira ditshwetso:

  •   Modimo o tshwanetse go obamelwa a le nosi. Baebele e a re: “O tshwanetse go obamela Jehofa, Modimo wa gago fela, e bile ke ene fela yo o tshwanetseng go mo direla.” (Luke 4:8) Gantsi maikano a a diriwang le dipina tsa bosetšhaba tse di opelwang di na le mafoko a a bontshang gore motho o tla rata naga ya gagwe go feta sepe fela. Ka ntlha ya seno, Basupi ba ga Jehofa ga ba batle go tsaya karolo mo meletlong e e tshwanang le eno.

     Gape Basupi ba ga Jehofa ba bona go sa siama go dumedisa folaga ka gonne ba bona seo e le go e obamela kgotsa go obamela modingwana, mme seno ga se dumalane le se Baebele e se rutang. (1 Bakorintha 10:14) Borahisitori bangwe ba ile ba lemoga gore difolaga tsa bosetšhaba ke matshwao a bodumedi. Rahisitori mongwe yo o bidiwang Carlton J. H. Hayes a o ne a re, “Madumedi a na le letshwao le ba le dirisang go obamela, ka tsela e e tshwanang bosetšhaba bo na le letshwao lo ba lo dirisang e leng folaga.” Daniel P. Mannix o ne a kwala jaana ka Bakeresete ba mo nakong e e fetileng: “Bakeresete ba ne ba gana go . . . ntshetsa ramatlhale wa mmusi wa [Roma] setlhabelo—e leng selo se se tshwanang le go gana go dumedisa folaga.” b

    Le fa gone Basupi ba ga Jehofa ba sa dumedise folaga ba ka se dire sepe go e senya, go e fisa kgotsa go dira sepe fela se se bontshang gore ga ba tlotle letshwao la bosetšhaba.

  •   Batho botlhe ba a lekana mo matlhong a Modimo. (Ditiro 10:34, 35) Baebele e a re Modimo “o dirile batho ba ditšhaba tsotlhe go tswa mo mothong a le mongwe.” (Ditiro 17:26) Ka ntlha ya lebaka leno, Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore go tla bo go le phoso go tlotlomatsa setlhopha sengwe mo lefatsheng kgotsa lotso longwe jaaka e kete lo botoka go gaisa lotso lo longwe. Re tlotla batho botlhe, go sa kgathalesege gore ba tswa kae kgotsa gore ba nna kae.—1 Petere 2:17.

 Ke eng se re se dirang fa e le gore go na le molao wa gore batho botlhe ba tshwanetse go nna karolo ya meletlo eno?

 Basupi ba ga Jehofa ga ba kgatlhanong le dipuso. Re dumela gore dipuso ke karolo ya “thulaganyo ya Modimo” e a e letleletseng gore e nne teng. (Baroma 13:1-7) Gape re dumela gore Bakeresete ba tshwanetse go obamela balaodi.—Luke 20:25.

 Ke eng se Basupi ba ga Jehofa ba se dirang fa e le gore dipuso di ba laela gore ba dire sengwe se se kgatlhanong le melao ya Modimo? Mo maemong mangwe a a rileng, go a kgonega gore re tsenye kopo kwa kgotlatshekelong re kopa gore ba re golole mo molaong mongwe o o beilweng kgotsa gore o fetolwe. c Mme fa go sa kgonege gore molao o fetolwe, Basupi ba ga Jehofa ba tlhopha “go ikobela Modimo e le mmusi go na le go ikobela batho” mme ba dira jalo ka tlotlo.—Ditiro 5:29.

 A Basupi ba ga Jehofa ba leka go tsaya karolo mo dipolotiking?

 Nnyaa. Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye karolo mo dipolotiking. Fa re sa dire maikano ape, re sa dumedise folaga, re sa opele dipina dipe tsa bosetšhaba, seno ga se reye gore re lwa le boradipolotiki. Go na le moo, re bontsha gore re ikobela se Baebele e se buang ka meletlo eo.