Privacy Settings

To provide you with the best possible experience, we use cookies and similar technologies. Some cookies are necessary to make our website work and cannot be refused. You can accept or decline the use of additional cookies, which we use only to improve your experience. None of this data will ever be sold or used for marketing. To learn more, read the Global Policy on Use of Cookies and Similar Technologies. You can customize your settings at any time by going to Privacy Settings.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tsela e re Tshwanetseng go Itshwara ka Yone Fa re Le fa Kgorong ya Motho

Tsela e re Tshwanetseng go Itshwara ka Yone Fa re Le fa Kgorong ya Motho
Mokaulengwe a okomela ka fensetere, a ja le go romela molaetsa fa a le mo bodireding

Bakeresete ba “fetogile selo sa go bogelwa ke lefatshe.” (1Bak 4:9) Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa batho mo tshimong ba re lebile ka difensetere kgotsa ba re reeditse mme re sa ba bone. Matlo a batho ba bangwe a na le dikhamera le dimaekerofouno tse di dirang gore ba kgone go re bona, go re reetsa le go re rekota. Go na le dintlha dingwe tse di ka re thusang fa re eme fa kgorong ya mong wa ntlo.—2Bak 6:3.

TSELA E RE TSHWANETSENG GO ITSHWARA KA YONE (Baf 1:27):

  • Bontsha gore o tlotla mong wa ntlo ka go se okomele mo ntlong. O se ka ja, wa nwa, wa founa kgotsa wa romela molaetsa ka founo fa o ntse o eme fa kgorong ya mong wa ntlo

SE O SE BUANG (Bae 4:29):

  • Fa o eme mo kgorong ya ntlo ya motho, o se ka wa bua dilo tse o sa batleng gore mong wa ntlo a di utlwe. Baboledi bangwe ba ka rata go didimala gore ba kgone go akanya ka se ba tlileng go se bolelela mong wa ntlo

Bakaulengwe ba babedi ba eme fa kgorong, mme mong wa ntlo o ba okometse

Ke eng gape se o ka se dirang fa o le mo kgorong ya ntlo ya motho?