Privacy Settings

To provide you with the best possible experience, we use cookies and similar technologies. Some cookies are necessary to make our website work and cannot be refused. You can accept or decline the use of additional cookies, which we use only to improve your experience. None of this data will ever be sold or used for marketing. To learn more, read the Global Policy on Use of Cookies and Similar Technologies. You can customize your settings at any time by going to Privacy Settings.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Lorato Lwa Mmatota ke Eng?

Lorato Lwa Mmatota ke Eng?

Jehofa o dirile gore lenyalo e nne thulaganyo e e nnelang ruri magareng ga monna le mosadi. (Ge 2:22-24) Banyalani ba ka tlhalana fela fa yo mongwe a dirile boaka. (Mal 2:16; Mat 19:9) E re ka Jehofa a batla gore banyalani ba itumele, o neile Bakeresete melaometheo e e ka ba thusang go batla molekane yo o siameng wa lenyalo le gore ba nne ba itumetse mo lenyalong.—Mor 5:4-6.

LEBA BIDIO YA LORATO LWA MMATOTA KE ENG?, O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Rraagwe Kele o bua le ngwana wa gagwe

    Ke eng fa kgakololo e batsadi ba ga Kele ba ileng ba mo naya yone e bontsha lorato e bile e le botlhale?

  • Ke eng fa go se botlhale go akanya gore o ka kgona go fetola motho yo o ratanang le ene?

  • Boora Bogosi ba ile ba naya Kele kgakololo efe?

  • Kgang le Magadi ba le kwa dipokanong

    Ke eng fa Kgang le Magadi ba ile ba lebana le mathata mo lenyalong la bone?

  • Kele le Jona ba le kwa dipokanong

    Jona le Kele ba ne ba na le mekgele efe ya go direla Jehofa?

  • Pele o dira maikano a lenyalo le motho yo mongwe, goreng o tshwanetse go itse “motho wa sephiri wa pelo”? (1Pe 3:4)

  • Lorato lwa mmatota ke eng? (1Bak 13:4-8)