Privacy Settings

To provide you with the best possible experience, we use cookies and similar technologies. Some cookies are necessary to make our website work and cannot be refused. You can accept or decline the use of additional cookies, which we use only to improve your experience. None of this data will ever be sold or used for marketing. To learn more, read the Global Policy on Use of Cookies and Similar Technologies. You can customize your settings at any time by going to Privacy Settings.

PINA 23

Jehofa o Simolola go Busa

Jehofa o Simolola go Busa

(Tshenolo 11:15)

  1. 1. Bogosi bo a busa.

    A re bakeng Kresete.

    O busa mo thabeng ya Siona.

    A rotlhe re opeleng.

    Re galaletse Mmopi.

    O tlhophile Jesu

    gore a nne Kgosi.

    (KHORASE)

    Bogosi joo, bo tla tlisa eng?

    Boammaaruri le tshiamo.

    Gape bo tla re tlisetsa eng?

    Botshelo jo bo sa khutleng.

    Bakang Jehofa Modimo

    Ka gonne o’a re rata.

  2. 2. Jaanong Kreste o’a busa,

    Bokhutlo bo gaufi.

    ’Fatshe la ga Satane le’a feta.

    Ke nako ya go rera.

    Re thuse batho botlhe;

    Ke nako ya

    gore ba mo ikobele.

    (KHORASE)

    Bogosi joo, bo tla tlisa eng?

    Boammaaruri le tshiamo.

    Gape bo tla re tlisetsa eng?

    Botshelo jo bo sa khutleng.

    Bakang Jehofa Modimo

    Ka gonne o’a re rata.

  3. 3. Re rata Mmusi yono.

    Ruri o’a gakgamatsa.

    O tla ka leina la ga Jehofa.

    Tsenang mo ntlong ya ga Jah;

    O a re amogela.

    ’Tsatsi la gore a buse le gaufi.

    (KHORASE)

    Bogosi joo, bo tla tlisa eng?

    Boammaaruri le tshiamo.

    Gape bo tla re tlisetsa eng?

    Botshelo jo bo sa khutleng.

    Bakang Jehofa Modimo

    Ka gonne o’a re rata.

 

Jehofa o Simolola go Busa