Babadi Ba Botsa . . .
Ke ka Ntlha Yang fa Batho Bangwe ba sa Keteke Keresemose?
Go ralala lefatshe, mo e ka nnang batho ba le dibilione di le pedi ba keteka Keresemose ngwaga le ngwaga ka December 25, fa ba bangwe ba ba ka nnang dimilione di le 200 ba keteka letsatsi la botsalo la ga Jesu Keresete ka January 7. Le fa go ntse jalo, gape go na le dimilione tse di tlhophileng go sa keteke Keresemose gotlhelele. Ka ntlha yang?
Lebaka lengwe e ka tswa e le ka go bo ba le mo bodumeding bongwe jo e seng karolo ya madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Ka sekai, ba ka tswa ba le mo bodumeding jwa Sejuda, Sehindu kgotsa jwa Seshinto. Ba bangwe ba leba Keresemose e le tlhamane fela.
Se se gakgamatsang ke gore palo e kgolo ya batho ba ba dumelang mo go Jesu e gana meetlo ya paka ya Keresemose. Ka ntlha yang? Ba tlhalosa mabaka a ka nna manè.
Lebaka la ntlha ke gore ga ba dumele gore Jesu o tshotswe ka kgwedi ya December kgotsa ya January. Baebele ga e re neye letlha le a tshotsweng ka lone. E tlhalosa fela jaana: “Gape mo go yone naga eo go ne go na le badisa ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo. Mme ka tshoganyetso moengele wa ga Jehofa a ema fa go bone, mme . . . moengele a ba raya a re: ‘. . . Lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo e leng Keresete Morena.’”—Luke 2:8-11.
Mabaka a bontsha gore Jesu o tshotswe mo e ka nnang mo masimologong a kgwedi ya October fa badisa ba ne ba na le matsomane a bone kwa ntle a fula bosigo. Naga e e dikologileng Bethelehema e tsididi thata ka dikgwedi tsa December le January. Ka jalo, gore matsomane a se ka a bolawa ke serame bosigo, a tsenngwa mo mafelong a a sireletsegileng.
Tiragalo e le nngwe fela e Jesu a laetseng barutwa ba gagwe ka tlhamalalo gore ba e gopole ke ya loso lwa gagwe, e seng letsatsi la gagwe la botsalo
Lebaka la bobedi: Tiragalo e le nngwe fela e Jesu a laetseng barutwa ba gagwe ka tlhamalalo gore ba e gopole ke ya loso lwa gagwe, e seng letsatsi la gagwe la botsalo mme e ne e tshwanetse go nna tiragalo e e sa raraanang ya selalelo. (Luke 22:19, 20) Ela tlhoko gape gore Diefangele tsa ga Mareko le Johane ga di bue sepe ka botsalo jwa ga Jesu.
Lebaka la boraro: Ga go na bosupi bope jwa hisitori jo bo bontshang gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba keteka letsatsi la botsalo jwa ga Keresete. Mme ba ne ba gopola loso lwa gagwe. (1 Bakorintha 11:23-26) Dingwaga di le 300 morago ga go tsholwa ga ga Jesu, madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ne a simolola go keteka Keresemose semolao ka December 25. Se se kgatlhang ke gore mo magareng a lekgolo la bo17 la dingwaga, lekgotla le legolo le le dirang melao le ne la thibela go ketekwa ga Keresemose kwa Engelane. Kwa United States, Massachusetts General Court e ne ya dira se se tshwanang. Ka ntlha yang? Buka ya The Battle for Christmas ya re: “Ga go na lebaka la Baebele kgotsa la hisitori le le bontshang gore Jesu o tshotswe ka December 25.” E oketsa ka gore mo go Ba-Puritan, “Keresemose e ne e le moletlo wa boheitane o o neng wa fetolwa go nna wa Bokeresete.”
Seo se re tlisa mo lebakeng la bonè: Tshimologo e e sa itumediseng ya mokete ono ka boone. Dipatlisiso di bontsha gore Keresemose e simologile kwa Roma ya boheitane e e neng e na le meletlo e mo go yone go neng go tlotliwa modimo wa temothuo e bong Saturn le modimo wa letsatsi e bong Sol Invictus kgotsa Mithra. Batho ba ba ithutang ka batho e bile e le bakwadi ba buka ya Pagan Christmas e bong Christian Rätsch le Claudia Müller-Ebeling, ba ne ba kwala jaana: “Fela jaaka mo meetlong le mo ditumelong tsa metlha ya pele ga Bokeresete, moletlo wa bogologolo wa ngwaga le ngwaga o mo go one go neng go ketekiwa go boa ga letsatsi, jaanong o ne o dirilwe mokete o go neng go ketekwa letsatsi la botsalo jwa ga Keresete.”
Ka ntlha ya dintlha tse di fa godimo, a o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa keteke Keresemose?