Ke Eng fa re Tlhoka go Nna le Tsholofelo?
Ke Eng fa re Tlhoka go Nna le Tsholofelo?
GO NE go tla diregang fa Daniel, e bong mosha yo o neng a tshwerwe ke kankere yo o umakilweng mo tshimologong ya setlhogo se se fetileng, a ne a sa felelwa ke tsholofelo? A o ka bo a ile a fenya bolwetse jwa kankere? A o ne a ka bo a tshela gompieno? Tota le batho ba ba buelelang go nna le tsholofelo ba ne ba ka se bue jalo. Mme seno se re bontsha ntlha nngwe ya botlhokwa. Maatla a go nna le tsholofelo ga a tshwanelwa go buelelwa ka tsela e e feteletseng. Go nna le tsholofelo ga se makgonatsotlhe.
Fa Dr. Nathan Cherney a ne a botsolotswa ke CBS News o ne a tlhagisa jaana ka kotsi ya go feteletsa maatla a go nna le tsholofelo fa go dirisanwa le batho ba ba lwalang thata: “Go ile ga nna le maemo a mo go one banna ba neng ba omanya basadi ba bone mme ba bolela gore basadi ba bone ba ne ba sa iphe nako e e lekaneng ya go tlhatlhanya le go akanya ka dilo tse di molemo.” Dr. Cherney o ne a oketsa a re: “Tsela eno yotlhe ya go akanya e ne ya dira gore motho a nne le kakanyo e e phoso ya gore a ka kgona go laola bolwetse jwa kankere, mme fa motho a sa tokafale, go nna jaaka e kete ga a kgona go laola kankere, mme go akanya jalo ga go a siama.”
Boammaaruri ke gore batho ba ba lwantshang bolwetse jo bo masisi ba mo ntweng e e lapisang le e e tlhokang matsapa a magolo. Ga go pelaelo gore baratiwa ba bone ba ne ba se kitla ba batla go oketsa mokgweleo o ba setseng ba na le one ka go dira gore ba ikutlwe ba le molato. Ka jalo, a re tshwanetse go swetsa ka gore go nna le tsholofelo ga go thuse ka sepe?
Nnyaa le e seng. Ka sekai, yone ngaka e go builweng ka yone kwa godimo e dirisa kalafi ya go okobatsa ditlhabi le matshwao a bolwetse—ke gore, kalafi e e sa itebaganyang thata le go lwantsha bolwetse ka tlhamalalo kgotsa gone go lelefatsa botshelo jwa motho, mme e itebagantse le gore molwetse a tshele botshelo jo bo botokanyana le jo bo itumedisang fa a sa ntse a tshela. Dingaka tse di ntseng jalo di dumela thata gore mefuta ya kalafi e e dirang gore tota le batho ba ba lwalang thata ba itumele, e botlhokwa. Go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore go nna le tsholofelo go ka thusa motho gore a itumele—e bile go ka dira gore a solegelwe molemo le ka ditsela tse dingwe tse dintsi.
Botlhokwa Jwa go Nna le Tsholofelo
Mokwadi wa dikgang tsa kalafi e bong Dr. W. Gifford-Jones a re: “Tsholofelo ke kalafi e e maatla.” O ne a sekaseka bosha dipatlisiso tse di farologaneng tse di neng di dirilwe go bona mosola wa go kgothatsa batho ba ba nang le malwetse a a masisi ka go ba tshegetsa mo maikutlong. Go bolelwa gore go naya batho tshegetso e e ntseng jalo go ba thusa gore ba nne le tsholofelo le boikutlo jo bo siameng.
Patlisiso nngwe e e dirilweng ka 1989 e ne ya bontsha gore balwetse ba ba neng ba tshegediwa ka tsela e e ntseng jalo ba ne ba tshela lobakanyana, le fa gone patlisiso ya bosheng e sa senole seo ka botlalo. Mme gone, dipatlisiso di bontshitse gore balwetse ba ba tshegediwang mo maikutlong ga ba tshwenyege thata mo maikutlong kgotsa go utlwa botlhoko thata jaaka ba ba sa tshegediweng mo maikutlong.Akanya ka patlisiso e nngwe e e neng e bontsha kafa go nna le tsholofelo le go sa nne le yone go amang batho ba ba nang le coronary heart disease (CHD [bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo]) ka gone. Setlhopha sa banna ba feta 1 300 se ne sa tlhatlhobiwa ka kelotlhoko go bona gore a ba na le tsholofelo ka botshelo kgotsa ga ba na yone. Patlisiso e e neng ya dirwa dingwaga di le lesome morago ga moo e ne ya bontsha gore diperesente di feta 12 tsa banna bao ba ne ba tshwarwa ke mofuta mongwe wa bolwetse jwa CHD. Mo banneng bao, ba ba neng ba na le tsholofelo ba ne ba feta ba ba se nang yone. Laura Kubzansky, yo e leng mothusi wa porofesa ya tsa boitekanelo le mekgwa ya batho kwa Harvard School of Public Health a re: “Bosupi jo bontsi jwa kgopolo ya gore ‘go akanya ka tsela e e siameng’ go ka thusa motho go nna le botsogo jo bo molemo ga bo a thewa mo dipatlisisong tsa saense—patlisiso eno e naya bongwe jwa bosupi jwa boammaaruri jwa tsa kalafi jwa kgopolo ya gore go akanya ka tsela e e siameng go molemo mo botsogong jwa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa pelo.”
Dipatlisiso dingwe di bontsha gore fa batho ba ba tsayang botsogo jwa bone bo le bokoa ba sena go ariwa ba fola ka bonya go feta ba ba tsayang botsogo jwa bone bo le molemo thata. Tota e bile go lemogilwe gore go tshela lobaka lo loleele go amana le go nna le maikutlo a a siameng. Patlisiso nngwe e ne ya tlhatlhoba kafa go nna le maikutlo a a siameng ka botsofe le go sa nne le one go amang batho ba ba godileng ka teng. Fa batho ba ba godileng ba sena go bontshiwa melaetsa e e fetang ka bonako mo khomputareng e e bontshang gore botsofe bo tla le botlhale le maitemogelo, ba ne ba simolola go tsamaya ka matlhagatlhaga. Tota e bile, tsela e ba neng ba nna botoka ka yone e ne e tshwana le fa ba ka bo ba ne ba ikatisa mmele ka dibeke di le 12!
Ke eng fa go nna le tsholofelo le maikutlo a a siameng ka isagwe go lebega go thusa batho go nna le botsogo jo bo botoka? Gongwe baitsesaense le dingaka ga ba ise ba tlhaloganye tlhaloganyo le mmele wa motho sentle mo ba ka nayang dikarabo tse di tlhomameng. Le fa go ntse jalo, baitseanape ba ba dirang dipatlisiso ka kgang eno ba ka kgona go fopholetsa ba dirisa kitso e ba setseng ba na le yone. Ka sekai, porofesa mongwe wa thuto ya boboko o akantsha jaana: “Go monate go itumela le go nna le tsholofelo. Ke boemo jo bo itumedisang jo bo sa ngomoleng pelo mme mmele o tshela sentle mo maemong ao. Ke sengwe sa dilo tse batho ba ka di dirang gore ba nne ba itekanetse.”
Dingaka, baithutatlhaloganyo le baitsesaense bangwe ba ka nna ba akanya gore kgopolo eno e ntšha, mme ga go a nna jalo ka baithuti ba Diane 17:22) Lemoga gore go na le tekatekano fano. Temana eno ga e re pelo e e ipelang e tla alafa bolwetse bope, mme ya re fela e “dira sentle jaaka kalafi.”
Baebele. Mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhotlhelediwa go kwala kgopolo eno jaana: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi, mme moya o o hutsafetseng o omisa marapo.” (Tota e bile, go a utlwala go botsa gore, Fa e le gore tsholofelo e ne e le molemo mongwe o o alafang, ke ngaka efe e e neng e ka se ka ya o naya balwetse? Mo godimo ga moo, go nna le tsholofelo go na le melemo e e fetang go nna le botsogo jo bo molemo fela.
Kafa go Nna le Tsholofelo Le go Sa Nne le Yone go Amang Botshelo Jwa Gago ka Teng
Babatlisisi ba lemogile gore batho ba ba nang le tsholofelo ba solegelwa molemo ka ditsela di le dintsi ke go nna le boikutlo jo bo siameng ka isagwe. Gantsi ba dira sentle kwa sekolong, kwa tirong le e leng mo metshamekong ya diatleletiki. Ka sekai, go ne ga dirwa patlisiso nngwe mo setlhopheng sengwe sa basadi ba ba thubang lobelo. Bakatisi ba bone ba ne ba tlhalosa se ba neng ba se lemoga fa ba dira ditlhatlhobo tse di tseneletseng malebana le bokgoni jwa basadi bano mo diatleletiking. Gape go ne ga dirwa patlisiso e nngwe mo go bone basadi bano, mme ga sekasekiwa ka kelotlhoko selekanyo se ba nang le tsholofelo ka sone. Dipatlisiso tseno di ne tsa bontsha gore selekanyo se basadi bano ba nang le tsholofelo ka sone ke sone se se neng se bontsha sentle gore ba ne ba tla dira jang mo motshamekong wa bone go feta dilo tsotlhe tse bakatisi ba bone ba di lemogileng fa ba sekaseka bokgoni jwa bone. Ke eng se se dirang gore tsholofelo e nne maatla jalo?
Go lemogilwe dilo di le dintsi ka go tlhatlhoba boikutlo jwa go sa nne le tsholofelo. Mo dingwageng tsa bo1960, go ne ga lemogiwa sengwe se se neng se sa lebelelwa fa go dirwa diteko malebana le se diphologolo di se dirang, mme seno se ne sa dira gore babatlisisi ba tlhame polelwana e e reng “go ithuta go itlhoboga.” Ba lemogile gore batho le bone ba ka amiwa ke mofuta ono wa bolwetse. Ka sekai, batho ba ba neng ba dirisiwa fa go dirwa dipatlisiso, ba ne ba direlwa modumo o o serang o ba neng ba bolelelwa gore ba ka ithuta go o kgaotsa ka go tobetsa dikonopo dingwe. Ba ne ba kgona go kgaotsa modumo oo.
Setlhopha sa bobedi le sone se ne sa bolelelwa gore se dire jalo—mme le fa ba ne ba tobetsa dikonopo modumo o ne o sa kgaotse. Jaaka o ka lemoga, ba le bantsi mo setlhopheng sa bobedi ba ile ba itlhoboga. Fa go dirwa diteko tse dingwe, ba ne ba kgobegile marapo mo ba neng ba se ka ba dira sepe gotlhelele. Ba ne ba tlhomamisegile gore ga go na sepe se ba neng ba ka se dira se se neng se ka fetola seemo. Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba na le tsholofelo mo setlhopheng seno sa bobedi ba ne ba kgaratlha ka natla gore ba se ka ba nna le maikutlo a a ntseng jalo a go itlhoboga.
Dr. Martin Seligman, yo o neng a thusa go rulaganya dingwe tsa diteko tseo tsa ntlha, o ne a tlhotlheletsega gore a dire dipatlisiso ka ga go nna le tsholofelo le go sa nne le yone. O ne a tlhatlhoba ka kelotlhoko tsela e batho ba ba ratang go itlhoboga ba akanyang ka yone. O ne a bolela gore tsela e e ntseng jalo ya go akanya e kgoreletsa batho go dira dilo di le dintsi mo botshelong kgotsa e dira gore ba se ka ba dira sepe gotlhelele. Seligman o sobokanya jaana tsela e batho ba ba se nang tsholofelo ba akanyang ka yone le diphelelo tsa gone: “Dipatlisiso tse ke di dirileng ka dingwaga tse 25, di ntlhatswitse pelo gore fa re nna re dumela jaaka motho yo o se nang tsholofelo gore fa re welwa ke bomadimabe e a bo e le phoso ya rona le gore bo tla nna bo le teng e bile bo tla dira gore sengwe le sengwe se se ka sa nna mosola, re tla welwa ke bomadimabe jo bontsi go na le fa re ka bo re sa dumele jalo.”
Jaaka go umakilwe fa godimo, gompieno bangwe ba ka tsaya dikgopolo tseno di le disha, mme gone batho ba ba ithutang Baebele ba tlwaelane le tsone. Ela tlhoko seane seno: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Ee, Baebele e tlhalosa sentle gore go kgobega marapo, mo go dirang gore motho a nne le dikakanyo tse di sa siamang, go tla dira gore o se ka wa nna le maatla a go dira sepe fela. Le fa go ntse jalo, o ka dirang go lwantsha boikutlo jwa go sa nne le tsholofelo mme o dire gore o nne le yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Go nna le tsholofelo go ka solegela motho molemo thata