Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Koo Soviet e Kobiseditseng Tlhaselo ya Yone Gone

Koo Soviet e Kobiseditseng Tlhaselo ya Yone Gone

Koo Soviet e Kobiseditseng Tlhaselo ya Yone Gone

LE FA Soviet Union e ne e neile Kereke ya Orthodox ya Russia ditshwanelo dingwe gore e fenye Ntwa ya Lefatshe II, e ne e sa ntse e laola ditiro tsa kereke thata. Ka jalo, fela jaaka buka ya The Sword and the Shield, e e kwadilweng ka 1999 malebana le hisitori ya KGB (Komiti ya Polokesego ya Naga ya Soviet), e boletse, “KGB e ne e tshwenyegile thata ka ditiro tsa ‘go batla go menola puso’ tse di neng di dirwa ke Bakeresete ba e neng e sa kgone go ba laola ka tlhamalalo.” Ditlhopha tseno tsa bodumedi e ne e le dife?

Se segolo go di gaisa tsotlhe e ne e le Kereke ya Katoliki ya Segerika ya kwa Ukraine, e jaanong e leng Kereke ya Katoliki ya Ukraine. E ne e na le balatedi ba ka nna 4 000 000. Go ya ka The Sword and the Shield, “mo go bobishopo botlhe ba yone ba le lesome, ke ba le babedi fela ba ba neng ba se ka ba swela tumelo ya bone mme ba bangwe botlhe go akaretsa le diketekete di le dintsi tsa baruti le badumedi, ba ne ba swela tumelo ya bone kwa dikampeng tsa makgoba kwa Siberia. Ditlhopha tse dingwe tse KGB e neng e batla go di tlhasela thata e ne e le dikereke tse di neng di sa kwadisiwa semolao tsa Porotesetanta, tse le tsone Puso e neng e sa di laole ka tlhamalalo. Fa dingwaga tsa bo1950 di ya bokhutlong, KGB e ne e fopholetsa gore ditlhopha tseno tsa Porotesetanta fa di kopane, di ne di dira palogotlhe ya maloko a ka nna 100 000.

KGB e ne e akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke setlhopha sa Baporotesetanta, ba ka 1968 go neng go fopholediwa gore ba ka tswa ba le 20 000 kwa Soviet Union. Go fitlha fa Ntwa ya Lefatshe II e simolola ka 1939, Basupi ba ne ba le bannye ka palo. Ka jalo, ba ne ba sa lemogiwe thata. Le fa go ntse jalo, seemo se ne sa fetoga thata fa ka tshoganyetso fela go ne go setse go na le Basupi ba le diketekete kwa Soviet Union. Seno se diragetse jang?

Go Simologa ga Koketsego e e Gakgamatsang

Walter Kolarz o ne a bolela mabaka mangwe a mabedi a a dirileng gore go nne le kgolo eno e e gakgamatsang mo bukeng ya gagwe ya Religion in the Soviet Union, e e gatisitsweng ka 1961. O ne a re, lebaka lengwe ke gore go ne go na le bontsi jwa “ditlhopha tsa Basupi ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa” mo dinageng tse di neng di gapilwe ke Soviet Union ka 1939-40—Latvia, Lithuania, Estoniale Moldavia. Mo godimo ga moo, dikarolo tse di kwa botlhaba jwa Poland le Czechoslovakia, tse di neng di na le Basupi ba feta sekete, le tsone di ne tsa gapiwa ke Soviet Union, di bo di nna karolo ya Ukraine. Ka jalo, go ka bolelwa gore Basupi bano ba ne ba simolola go nna kwa Soviet Union ka tshoganyetso.

Kolarz o ne a kwala gore lebaka le lengwe “le go ka nnang ga nna thata go le dumela,” le le dirileng gore go nne le koketsego eno e e oketsegileng ke “dikampa tsa pogisetso tsa Jeremane.” Banasi ba ne ba tsenya Basupi ba le diketekete mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go ema Hitler nokeng le ntwa ya gagwe ya go tlhasela dinaga tse dingwe. Kolarz o ne a tlhalosa gore bagolegwa ba Ba-Russia ba ba neng ba le mo dikampeng tseno “ba ne ba kgatlhwa ke bopelokgale le go nitama ga ‘Basupi,’ gongwe e bile ke lone lebaka le le neng la dira gore ba kgatlhegele thuto ya bone ya bodumedi.” Ka ntlha ya moo, basha ba le bantsi ba Ba-Russia ba ba neng ba le mo dikampeng tseno ba ne ba boela kwa Soviet Union ba na le mofuta o mosha wa tumelo mo go Jehofa Modimo le mo maikaelelong a gagwe a a molemolemo ka lefatshe.—Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4.

Ka ntlha ya mabaka ano, ka bonako fela go ne ga nna le Basupi ba le diketekete kwa Soviet Union. Mo masimologong a 1946, go ne go na le Basupi ba ka nna 1 600 mme fa lesome leo la dingwaga le fela, go ne go na le ba ba fetang 8 000. Jaaka go boletswe pelenyana, KGB e e neng e tshwenyegile thata ka “ditiro tsa Bakeresete bao e neng e sa kgone go ba laola ka tlhamalalo, e ne e leba kgolo eno ka letshogo.”

Ba Simolola go ba Tlhasela

Le mororo Basupi ba ne ba le bannye ka palo mo Soviet Union, go ise go ye kae badiredibagolo ba Soviet ba ne ba simolola go tlhasela tiro ya bone ya go rera e ba neng ba e dira ka tlhagafalo. Kwa Estonia, tlhaselo eno e ne ya simolola ka August 1948 fa batho bangwe ba batlhano ba ba neng ba eteletse tiro pele ba ne ba tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong. Mosupi mongwe wa kwa Estonia e bong Lembit Toom o ne a akgela jaana: “Go ne ga bonala ka bonako fela gore KGB e ne e batla go tshwara mongwe le mongwe.” Seno se ne se direga gongwe le gongwe koo Basupi ba neng ba fitlhelwa gone kwa Soviet Union.

Dinaga tsa Soviet di ne di tsaya Basupi e le dikebekwa tse di bosula tota le batho ba ba tshosetsang thata Puso ya Soviet ya bolatolamodimo. Ka jalo, ba ne ba tsomiwa gongwe le gongwe, ba tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegong. The Sword and the Shield e ne ya akgela jaana: “Gongwe lebaka la go bo batlhankedibagolo ba KGB ba ne ba tshwenyega mo go feteletseng jaana ka Bajehofa e ne e le sekai se segolo thata se se bontshang kafa ba sa itseng pharologano fa gare ga se se botlhokwa le se se seng botlhokwa ka teng tota le mo dikganetsanong tse e seng tsa sepe.”

Go tshwenyega gono ga bone mo go feteletseng go ne ga bonala sentle fa ba ne ba tlhasela Basupi ka tsela e e rulagantsweng sentle ka April 1951. Mo dingwageng di ka nna pedi fela tse di fetileng, ka 1999, Porofesa Sergei Ivanenko, mokanoki yo o tlotlegang thata wa Mo-Russia, o ne a bolela mo bukeng ya gagwe ya The People Who Are Never Without Their Bibles gore mo masimologong a April 1951, “malapa a feta 5 000 a Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa direpaboliking tsa Soviet tsa Ukraine, Byelorussia, Moldavia le Baltic a ne a romelwa kwa ‘lefelong le ba neng ba tla nnela ruri kwa go lone’ kwa Siberia, kwa Botlhaba jo bo Kgakala le kwa Kazakhstan.”

Ba Tshwanelwa ke go Gopolwa

A o ka akanya fela ka matsapa a a tserweng mo tlhaselong eno—go kokoanya malapa a le diketekete a Basupi ka letsatsi le le lengwe fela go ralala lefelo le legolo jalo? Akanya fela ka tiro ya go rulaganya badiri ba le makgolokgolo fa e se ba le diketekete—sa ntlha gore ba tlhaole batho ba e leng Basupi, mme morago ga moo, ba bo ba tswa matsholo a tshoganyetso ka nako e le nngwe fela bosigo go ya go ba tshwara kwa magaeng a bone. Morago ga moo, go ne ga latela tiro ya go ba tsenya mo dikolotsaneng, mo dikaraking le mo dipalangweng tse dingwe; go ba isa kwa diteisheneng tsa terena; le go ba tsenya mo matorokong a dithoto a terena.

Gape, akanya ka tsela e batshwarwa bano ba neng ba boga ka yone. A o ka akanya fela gore go ne go ntse jang go patelediwa go tsaya loeto lwa dikilometara di le diketekete—lwa dibeke di ka nna tharo kana go feta—mo matorokong a a tletseng batho thata, a a se nang matlwana a boithomelo fa e se kgamelo e le nngwe fela e e leng yone pitsana ya boithomelo? Gape, leka go akanya fela o latlhelwa mo sebateng sa naga ya Siberia, mme o itse gore tsela fela ya go itshedisa ke ka go iphataphatela mo maemong ao a a thata.

Kgwedi eno e tshwaya ngwaga wa bo50 wa go isiwa ga Basupi ba ga Jehofa botshwarwa ka April 1951. Maitemogelo a bafalodi a gatisitswe mo dikhaseteng tsa bidio, go bolela kafa ba neng ba ikanyega ka teng le fa ba ne ba bogisiwa ka masomesome a dingwaga. Seno se bontsha gore—fela jaaka go ne ga direga ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga—maiteko a go thibela batho go obamela Modimo kgabagare ga a kitla a atlega.

Se se Neng sa Fitlhelelwa ke go Isiwa ga Bone Botshwarwa

Ka bonako fela dinaga tsa Soviet di ne tsa lemoga gore go emisa Basupi go obamela Jehofa go ne go tlile go nna thata go feta jaaka ba ne ba akantse. Le fa batshwari ba bone ba ne ba ba ganela, Basupi ba ne ba opelela Jehofa dipako fa ba ne ba patelediwa go isiwa botshwarwa le go manega mekwalo e e balegang jaana mo matorokong a bone a terena: “Basupi ba ga Jehofa ba mo Tereneng Eno.” Mosupi mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Mo diteisheneng tse re neng re tla re ema mo go tsone, re ne re kopana le diterena tse dingwe tse di neng di pagamisitse ba bangwe ba ba neng ba isiwa botshwarwa, mme re ne re bona mekwalo eno e e neng e manegilwe mo matorokong a terena.” A bo seno se ne se ba kgothatsa thata jang ne!

Ka jalo, go na le gore ba nyeme mooko, botlhe bano ba ba neng ba isiwa botshwarwa ba ne ba bontsha boikutlo jo baaposetoloi ba ga Jesu ba neng ba na le jone. Baebele e bolela gore e ne ya re fa bano ba sena go kgwathisiwa le go laelwa gore ba tlogele go rera, ba ne “ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete.” (Ditiro 5:40-42) Eleruri, fela jaaka Kolarz a ne a bolela malebana le go isiwa gono ga bone botshwarwa, “e ne e se bokhutlo jwa ‘Basupi’ kwa Russia, go na le moo e ne e le tshimologo fela ya ditiragalo tse disha mo tirong ya bone ya go rera. Ba ne ba bile ba leka go anamisa tumelo ya bone kwa diteisheneng tse ba neng ba ema mo go tsone fa ba le mo tseleng go ya botshwarwa.”

Fa Basupi ba fitlha kwa mafelong a a farologaneng a ba neng ba isiwa kwa go one, ba ne ba itirela leina le le molemo ka ntlha ya go nna kutlo le go dira ka natla ga bone. Le fa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, tota e bile e le go etsa baaposetoloi ba ga Keresete, ba ne ba bolelela bagateledi ba bone jaana: ‘Ga re ka ke ra tlogela go bua ka Modimo wa rona.’ (Ditiro 4:20) Batho ba le bantsi ba ne ba reetsa dilo tse Basupi ba neng ba di ruta ba bo ba direla Modimo mmogo le bone.

Phelelo ya seno e ne ya nna fela jaaka Kolarz a ne a tlhalosa: “Tota fa Puso ya Soviet e ne e ba fudusa, e ne e ba thusa thata go anamisa tumelo ya bone. ‘Basupi’ ba ne ba ntshiwa kwa metseng ya bone e e itlhaotseng [kwa direpaboliking tse di kwa bophirima jwa Soviet] ba bo ba isiwa kwa lefelong le le neng le bulegile thata, le mororo e ne e le lefelo le le boifisang la dikampa tsa pogisetso le tse ba neng ba dira e le makgoba mo go tsone.”

Maiteko a go Lwa le go Oketsega ga Bone

Fa nako e ntse e tsamaya, dinaga tsa Soviet di ne tsa leka mekgwa e e farologaneng ya go thibela Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya gore pogiso ya bone e e setlhogo e ne e paletswe ke go lere diphelelo tse ba neng ba di lebeletse, ba ne ba simolola thulaganyo nngwe e e neng e rulagantswe sentle ya go ba senya leina ka dipuo tsa maaka. Ba ne ba leka go dirisa dibuka, difilimi le dithulaganyo tsa radio—mmogo le go tsena ga baemedi ba ba thapisitsweng ba KGB ka bokhukhuntshwane mo diphuthegong.

Dipego tse di neng tsa anama tsa maaka di ne tsa dira gore batho ba le bantsi ba boife Basupi ka phoso le go se ba ikanye, jaaka go bonwe mo setlhogong sengwe sa Kgatiso ya kwa Canada ya Reader’s Digest ya August 1982. Se ne se kwadilwe ke Vladimir Bukovsky, e bong Mo-Russia yo a neng a letlelelwa go fudugela kwa Engelane ka 1976. O ne a kwala jaana: “Bosigo bongwe fa ke le kwa Lontone, ke ne ka bona mokwalo mongwe o kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo mo kagong nngwe mme o balega jaana: BASUPI BA GA JEHOFA . . . Ke ne ke sa kgone go tswelela pele ke bala, ke ne ka tshwarwa ke kgakge, ka bo ka sala ke gamaregile.”

Vladimir o ne a tlhalosa lebaka la go bo a ne a tshogile thata jaana: “Leno ke lekoko le badiredibagolo ba le dirisang go tshosa bana mo nageng ya rona . . . Kwa U.S.S.R., o kopana le ‘Basupi’ ka namana kwa kgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso fela. Mme fano ke ne ke le fa pele ga kago, ke lebile mokwalo ono. O ne a botsa gore, A tota motho o ne a ka tsena a ya go ba etela fela?” Vladimir o ne a konela jaana fa a gatelela lebaka la gagwe la go boifa: “Mo nageng ya rona, ‘Basupi’ ba latelelwa ka tšhakgalo e e tshwanang le e Ba-Mafia ba latelelwang ka yone kwa nageng ya bone, mme botlhe ba sa ntse ba sa itsiwe gore ke bomang.”

Le fa go ntse jalo, le mororo Basupi ba ne ba bogisiwa mo go botlhoko jalo le go senngwa leina, ba ne ba itshoka le go nna ba ntsifala. Dibuka tsa Soviet tse di jaaka The Truths About Jehovah’s Witnesses, tse go gatisitsweng dikhopi di le 100 000 tsa tsone ka Se-Russia ka 1978, di ne di akantsha botlhokwa jwa go gakatsa dipuo tsa maaka tse di leng kgatlhanong le Basupi. Mokwadi V. V. Konik yo a neng a tlhalosa kafa Basupi ba neng ba tswelela ka gone ba rera le fa ba ne ba thibetswe ka tsela eno e e gagametseng, o ne a gakolola jaana: “Batho ba Soviet ba ba batlisisang ka bodumedi ba tshwanetse go ithuta mekgwa e mengwe e e nang le matswela ya go fekeetsa dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa.”

Ke Eng Fa ba Ne ba Tlhaselwa Thata Jaana?

Ka tlhamalalo fela, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaselwa kwa Soviet thata ka gonne ba ne ba etsa balatedi ba ga Jesu ba bogologolo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baaposetoloi ba ne ba laelwa gore ‘ba se ka ba nnela go ruta ka leina leno [la ga Jesu].’ Le fa go ntse jalo, moragonyana babogisi ba bone ba ne ba ngongorega jaana: “Bonang! lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona.” Baaposetoloi ga ba a ka ba gana gore ba ne ba ntse ba rera le fa ba laetswe gore ba se ka ba dira jalo, go na le moo, ba ne ba araba jaana ka tlotlo: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:27-29.

Le gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya taelo e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe tsia ya go “rerela batho le go neela bosupi ka botlalo.” (Ditiro 10:42) Mo bukeng ya gagwe ya The Kremlin’s Human Dilemma, Maurice Hindus o ne a tlhalosa gore “go tlhagafala” ga Basupi “ka tsela eno e kgolo” ke gone go go ba dirileng gore ba “se ka ba tlhola ba itshokelwa kwa Moscow le go nna ba nna le dikgotlhang le mapodise a Soviet.” O ne a oketsa jaana: “Ga go tsela epe ya go ba thibela. Fa ba gatelelwa mo lefelong le lengwe, ba runya kwa go le lengwe.”

Rahisitori wa Mo-Russia e bong Sergei Ivanenko o ne a kwala jaana: “Go ya ka fa ke itseng ka gone, mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa e ne e le one fela mokgatlho wa bodumedi mo USSR o o neng wa gola thata le mororo o ne o thibetswe le go bogisiwa.” Ke boammaaruri gore, ditumelo tse dingwe le tsone di ne tsa tswelela di ntse di le teng, go akaretsa le e kgolo go di gaisa tsotlhe, e leng Kereke ya Orthodox ya Russia. O tla fitlhela go kgatlha go utlwa kafa kereke mmogo le Basupi ba neng ba kgona go falola tlhaselo ya Soviet ka teng.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

“Batho ba ba Bogisiwang Setlhogo Thata”

A Concise Encyclopaedia of Russia ya 1964 e ne ya bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba “tlhagafetse thata mo tirong ya go rera” e bile e le “setlhopha sa bodumedi se se bogisiwang setlhogo thata kwa Soviet Union.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

MONGWE WA BA BA DIKETEKETE—Fyodor Kalin o Tlhalosa Kafa ba Lelapa la Gagwe ba Isitsweng Botshwarwa ka Teng

Lelapa la rona le ne le nna mo motseng wa Vilshanitsa, kwa bophirima jwa Ukraine. Ka mahube a moso wa April 8, 1951, go ne ga tla badiredibagolo bangwe ba tshotse dintša, ba re tsosa, ba bo ba re bolelela gore puso ya Moscow e laetse gore re isiwe kwa Siberia. Mme re ne re ka nna fa re ne re ka saena lekwalo le le bolelang gore ga re tlhole re le Basupi ba ga Jehofa. Lelapa la rona la maloko a supa, go akaretsa le batsadi ba me le bana ba ba ntshalang morago le ne le ititeile sehuba gore le tla nna e ntse e le Basupi. Ke ne ke na le dingwaga di le 19 ka nako eo.

Modiredimogolo mongwe o ne a bolela jaana: “Tsayang dinawa, mabele, bupi, morogo o o mo dithining, khabetšhe—ka gonne lo tlile go fepa bana ba lona jang fa lo sa di tseye?” Gape re ne ra letlelelwa go tlhaba dikoko di le mmalwa le kolobe gore re tsamaye ka nama ya tsone. Ba ne ba re tlisetsa dikaraki tse pedi tsa dipitse, mme dilo tsotlhe di ne tsa pegwa mo go tsone di bo di isiwa kwa toropong ya Hriplin. Fa re le koo, ba ne ba re pitlaganya mo teng ga letoroko lengwe la dithoto re ka nna 40 kana 50, ba bo ba tswala mojako.

Letoroko leno le ne le na le dipolanka di le mmalwa tse re neng re ka robala mo go tsone—mme di ne di sa re lekana rotlhe—gape go ne go na le setofo se se nang le magalanyana le dikgong. Re ne re apeela mo setofong seno, re dirisa dipitsa tse re neng re tlile ka tsone. Le fa go ntse jalo, go ne go se na ntlwana ya boithomelo—re ne re dirisa kgamelo. Morago ga moo, re ne ra phunya phatlha e e kgolokwe fa fatshe, ra tsenya kgamelo eno mo go yone, re bo re kaletsa dikobo go e dikologa go thiba ka tsone.

Rotlhe re ne ra nna re pitlagane jalo mo teng ga letoroko leno la dithoto re tsamaya loeto lwa dikilometara di le diketekete go ya kwa lefelong le re sa le itseng. Kwa tshimologong, re ne re tshwenyegile thata mo maikutlong. Mme fa re ntse re opela dipina tsa Bogosi mmogo—re di opela thata mo e leng gore moragonyana re ne re sa kgone go bua—re ne re ikutlwa re itumetse tota. Molaodi o ne a tle a bule mejako a bo a re bolelela gore re tlogele go opela, mme re ne re sa didimale go fitlha re fetsa pina e re neng re e opela. Fa re ema mo diteisheneng dingwe mo tseleng, batho ba le bantsi ba ne ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba isiwa botshwarwa. Kgabagare, morago ga malatsi a le 17 kana 18 re ntse mo letorokong leno la dithoto, re ne ra folosiwa kwa Siberia gaufi le Letsha la Baikal.

[Setshwantsho]

Ke eme kwa moleng o o kwa morago, ka fa mojeng

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

ARMAGEDDON—Filimi e e Buang Maaka ya Soviet

Puso ya Soviet e ne ya dira filimi ya Armageddon go leka go senya Basupi ba ga Jehofa leina. E ne e bontsha tlhamane nngwe ya mosimane yo e neng e le lesole la Soviet a ratana le mosetsana mongwe yo a neng a gogelwa gore a nne mongwe wa Basupi. Kwa bokhutlong jwa filimi eno, monnawe mosetsanyana yono o ne a swa mo kotsing e e neng ya bakwa ke molebedi mongwe wa Mosupi, yo a neng a tshwantshiwa e le setlhodi se se direlang Amerika.

Lokwalodikgang lwa kwa Ukraine lwa The Red Flag lwa May 14, 1963, lo ne lwa bolela jaana fa lo ne lo akgela ka filimi eno e e neng ya fudua maikutlo a babogedi: “Go lebega maaka a bolatolamodimo a na le matswela, a fetola dikgopolo tsa batho, e bile a ka dirisiwa le mo metseng e mengwe ya naga eno e difilimi tse di tshwanang le eno di bontshiwang batho mo go yone.”

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Diketekete di ne tsa isiwa kwa Siberia ka matoroko a terena a dithoto