Nka Tlhalosa Jang Mabaka A go Bo ke Dumela mo Modimong?
Kgaolo 36
Nka Tlhalosa Jang Mabaka A go Bo ke Dumela mo Modimong?
Ke eng se gantsi se go thibelang go bolelela ba o tsenang sekolo le bone ka tumelo ya gago?
□ Go se nne le kitso e e lekaneng ka Baebele
□ Go tshaba go sotliwa
□ Go sa itse gore ke simolole motlotlo jang
Ke tsela efe e o fitlhelang go le motlhofo go e dirisa fa o bua le batho ka tumelo ya gago?
□ Go bua le moithuti a le mongwe ka nako
□ Go bua le bana botlhe mo tlelaseng
□ Go kwala mo porojekeng ya sekolo ka dilo tse ke di dumelang tse di thailweng mo Baebeleng
Kwala leina la moithuti mongwe yo o akanyang gore fa o ka kgona go simolola motlotlo wa Baebele le ene a ka go reetsa. ․․․․․
GONGWE bana ba o tsenang sekolo le bone ga ba rate go nna ba bua ka Modimo. Simolola motlotlo ka sengwe le sengwe fela—metshameko, diaparo kgotsa ba bong bo sele—motlotlo o ya magoletsa. Mme fa fela o ka umaka Modimo go ka nna le tshisibalo e kgolo.
Seno ga se ka go bo balekane ba gago ba sa dumele mo Modimong; tota basha ba le bantsi ba dumela mo go ene. Mme gone bangwe ba bone ba tlhabiwa ke ditlhong go tlotla ka kgang eno. Ba ka nna ba re: ‘Eo ke kgang e e lapisang.’
Wena o Akanyang?
Go a utlwala go bo o ka nna wa okaoka go bua le ba o tsenang sekolo le bone ka Modimo. Ga go ope yo o ratang go tlhokomologiwa, mme go jewa ditshego gone go maswe le go feta! A seo se ne se ka go diragalela fa o ne o ka bua ka se o se dumelang? Ee. Mme gone balekane ba gago ba ka nna ba go gakgamatsa. Bontsi jwa bone ba batla dikarabo tsa dipotso tseno: Go tlile go direga eng ka lefatshe leno? le Ke eng fa le tletse mathata jaana? Balekane ba gago ba ka bona go le botoka go bua ka kgang eo le mongwe yo o lekanang le bone go na le go bua ka yone le mogolo.
Le fa go ntse jalo, go bua le balekane ba gago ka bodumedi go ka lebega e le kgwetlho e kgolo. Mme gone ga o tlhoke go nna e kete o motho a tseega maikutlo e bile ga o tlhoke go tshwenyega ka gore a o tla bua sentle. Go bua ka
se o se dumelang go ka tshwana le go tshameka seletswa sengwe sa mmino. A go thata fa o sa ntse o simolola? Ee go ka nna thata. Mme fa o ntse o ikatisa o a tlwaela e bile o tla bona matswela a gone a a molemo. Mme gone o ka simolola motlotlo jang?Gantsi o ka bona sengwe se se ka go thusang go simolola motlotlo. Ka sekai, fa go tlotliwa ka tiragalo nngwe ya bosheng e go buiwang thata ka yone mo dikgannyeng, o ka nna wa ba tlhalosetsa gore Dikwalo di a reng ka kgang eo. Kgotsa o ka nna wa leka go bua le a le mongwe wa bana ba o tsenang le bone. Basha bangwe ba Bakeresete ba baya dikgatiso tsa Baebele mo desekeng gore di ngoke kgatlhego ya baithuti ba bangwe. Gantsi mokgwa ono o a dira e bile o thusa go simolola motlotlo!
Ke mokgwa ofe mo go e e umakilweng fa godimo o wena o ka lekang go o dirisa? ․․․․․
A go na le mokgwa mongwe gape o o ka o dirisang go tlotla le ba o tsenang le bone ka tumelo ya gago? Fa o le teng, o kwale fa tlase fano.
․․․․․
Ka dinako tse dingwe porojeke nngwe ya sekolo e go naya tshono ya go rera ka tumelo ya gago. Ka sekai, o tla dira eng fa go buiwa ka kgang ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe? O tla tlhalosa jang mabaka a go bo o dumela mo popong?
Go Tlhalosa Kgang ya Popo
Mosha mongwe yo o bidiwang Ryan a re: “Fa mo tlelaseng go ne go buiwa ka kgang ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe, thuto eo e ne e ganetsana gotlhelele le se ke se rutilweng. Tsela e e neng e tlhalosiwa ka yone e ne e kete e boammaaruri mme seo se ne se ntshwenya.” Mosetsana mongwe yo o bidiwang Raquel le ene o bua se se tshwanang. A re: “Ke ne ke tshogile fa morutisi wa thutoloago a re mo nakong e e tlang re tlile go ithuta ka kgang ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. Ke ne ke itse gore ke tla tshwanelwa ke go tlhalosetsa baithuti se nna ke se dumelang ka kgang eno e go ganetsanwang thata ka yone.”
Wena o ikutlwa jang fa go simololwa motlotlo mo tlelaseng ka kgang ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe? O dumela gore Modimo “o bopile dilo tsotlhe.” (Tshenolo 4:11) O dikologilwe ke dilo tse di go bontshang bosupi jwa gore di dirilwe ke motlhami mongwe yo o botlhale. Le fa go ntse jalo, dibuka tsa sekolo tsone di a re botshelo bo itlhagetse fela mme morutisi wa gago le ene o dumela seo. Tota wena o mang gore o ganetsane le “baitse”?
Tlhomamisega gore ga se wena fela o ikutlwang jalo ka kgang eno. Boammaaruri ke gore tota go na le baitsesaense ba le bantsi ba ba sa e dumeleng. Barutisi bangwe ba le bantsi le baithuti le bone ga ba e dumele.
Mme gone, o tshwanetse go itse se tota Baebele e se rutang ka kgang eno gore o kgone go tlhalosa mabaka a go bo o dumela mo popong. Ga go tlhokege go tsosa kganetsano ka dilo tse Baebele e sa bueng ka tlhamalalo ka tsone. Akanya ka dikai tseno.
Buka ya me ya saense ya re lefatshe le thulaganyo ya masedi a tlholego di na le dibilione tsa dingwaga di le teng. Baebele yone ya re lefatshe le lobopo lotlhe di nnile teng pele ga letsatsi la ntlha la popo. Ka jalo go ka direga gore lefatshe le thulaganyo ya masedi a tlholego di na le dibilione tsa dingwaga di le teng.—Genesise 1:1.
Morutisi wa me a re lefatshe le ka se ka la bo le bopilwe ka malatsi a le marataro. Baebele ga e re malatsi a le marataro a popo e ne e le malatsi a mmatota a diura di le 24.
Re ne ra tlotla mo tlelaseng ka dikai di le mmalwa tsa diphetogo tse di diregileng mo diphologolong le mo bathong mo lobakeng lo lo rileng lwa nako. Baebele ya re Modimo o bopile ditshedi tsotlhe ‘kafa mefuteng ya tsone.’ (Genesise 1:20, 21) Ga e dumalane le kgopolo ya gore botshelo bo simologile mo selong sengwe se se sa tsheleng kgotsa gore Modimo o ne a dirisa sele e le nngwe go simolola thulaganyo ya gore dilo di iphetogele ka botsone go nna tse dingwe. Le fa go ntse jalo, “mofuta” mongwe le mongwe wa tsone o ka nna le dipharologano tse dikgolo. Ka jalo Baebele e a dumela gore setshedi sengwe le sengwe se nna le diphetogo tse di tsamaisanang le “mofuta” wa sone.
Fa o akanya ka se go builweng ka sone mo kgaolong eno, o ne o ka araba jang fa morutisi kgotsa moithuti mongwe a re:
“Saense e na le bosupi jo bo kgotsofatsang jwa gore re nnile teng ka thulaganyo ya go fetoga ga ditshedi go nna tse dingwe.” ․․․․․
“Ga ke dumele gore Modimo o teng ka gonne ga ke kgone go mmona.” ․․․․․
Tlhatswega Pelo Ka se O se Dumelang!
Fa o godisiwa ke batsadi ba Bakeresete, o ka nna wa dumela mo popong fela ka gonne e le se o se rutilweng. Mme gone, e re ka jaanong o gola, o batla go obamela Modimo ‘ka maatla a gago a go akanya,’ o tlhatswegile pelo ka se o se dumelang. (Baroma 12:1) Ka ntlha ya seo, ipotse, ‘Ke eng se se dirang gore ke tlhatswege pelo gore go na le Mmopi?’ Sam wa dingwaga tse 14 o tle a akanye ka mmele wa motho. A re: “O dirilwe ka tsela e e manontlhotlho le e e raraaneng mme dikarolo tsotlhe tsa one di dirisana mmogo sentle. Ga o ka ke wa bo o itlhagetse fela!” Holly wa dingwaga tse 16 o dumalana le ene. A re: “Fa e sale ke itse gore ke na le bolwetse jwa sukiri, ke ithutile go le gontsi ka tsela e mmele wa motho o dirang ka yone. Ka sekai, go a gakgamatsa go lemoga tsela e lobete—serwe se sennye se se ikgarileng kwa morago ga mogodu—lo dirang tiro e kgolo ya gore madi le dirwe tse dingwe di tswelele di bereka sentle.”
Fa tlase fano, kwala dilo tse tharo tse di go tlhatswang pelo gore go na le Mmopi.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
Ga o a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke kgang ya go bo o dumela mo Modimong le mo popong. Fa o akanya ka bosupi jo bo gone, go a utlwala go dumela gore rona batho re nnile gone ka go bo re dirilwe ke motlhami mongwe yo o botlhale.
Tota mabaka otlhe a re a sekasekileng a bontsha gore thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe ke yone e e tlhaelang bosupi jo bo tlhatswang pelo! Fa o sena go akanyetsa kgang eno sentle o dirisa maatla a gago a go akanya, o tla kgona go tlhalosa sentle mabaka a go bo o dumela mo Modimong.
O bona basha ba bangwe ba ba lekanang le wena ba kolobediwa. A wena o siametse go tsaya kgato eo?
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Ga ke tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo; tota e bile, tsone ke maatla a Modimo a poloko mo go mongwe le mongwe yo o nang le tumelo.”—Baroma 1:16.
KAKANTSHO
Ela tlhoko tsela e o itshwarang ka yone fa o bua ka dilo tse o di dumelang. Fa o bonala o tlhabiwa ke ditlhong, o ka nna wa dira gore balekane ba gago ba go je ditshego. Mme fa o bua o tlhatswegile pelo—fela jaaka le bone ba tle ba dire fa ba tlhalosa maikutlo a bone ka dilo dingwe—seo se ka nna sa dira gore ba go tlotle.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Ka dinako dingwe fa barutisi ba kopiwa go tlhalosa mabaka a go bo ba dumela thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe, ba a palelwa mme seo se dira gore ba lemoge gore ba amogetse fela kgopolo eo ka gonne e le selo se ba se rutilweng.
SE KE SE IKAELETSENG!
Gore ke kgone go simolola motlotlo wa Baebele le moithuti mongwe, nka ․․․․․
Fa ke bodiwa lebaka la go bo ke dumela mo Mmoping, ke tla re ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng fa go le botlhokwa gore o bolelele ba bangwe ka dilo tse o di dumelang?
● Ke ditsela dife tse dingwe tse o ka di dirisang kwa sekolong go tlhalosa ka tsela e e motlhofo lebaka la go bo o dumela mo popong?
● O ka bontsha jang gore o tlotla Ene yo o bopileng dilo tsotlhe?—Ditiro 17:26, 27.
[Mafoko a a mo go tsebe 299]
“Sekolo ke tshimo e e leng rona fela re ka kgonang go e bereka.’’—Iraida
[Setshwantsho mo go tsebe 298]
Fela jaaka go tshameka seletswa sa mmino, o tshwanetse go nna le bokgoni gore o kgone go bolelela ba bangwe ka se o se dumelang—mme ka go ikatisa o ka kgona go nna le jone
[Setshwantsho mo go tsebe 300, 301]
O ka kgona go fenya poifo e o nnang le yone fa o tshwanelwa ke go tlhalosa se o se dumelang