SETLHOGO SA KA FA NTLE
Boammaaruri ka Halloween
A Halloween e a ketekiwa mo o nnang gone? Halloween e itsege thata kwa United States le Canada e bile e ketekwa ngwaga le ngwaga ka October 31. Le fa go ntse jalo, meetlo ya Halloween e fitlhelwa mo mafelong a mangwe a le mantsi mo lefatsheng. Kwa mafelong mangwe go ketekwa diholitei, tse le fa di bidiwa ka maina a sele di nang le bokao jo bo tshwanang: go ikgolaganya le meya e e akaretsang meya ya baswi, baloi, tota le e leng diabolo le baengele ba madimona.—Bona lebokoso le le reng, “Mekete e e Tshwanang le wa Halloween mo Lefatsheng Lotlhe.”
WENA o ka tswa o sa dumele gore go na le meya e e nang le maatla a a fetang a batho. O ka tswa o tsaya go keteka Halloween le mekete e mengwe e e tsamaisanang le yone e le tsela fela ya go itlosa bodutu le go ruta bana ba gago gore ba kgone go itlhamela dilo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya mekete eno e le kotsi ka ntlha ya mabaka a a latelang:
Encyclopedia of American Folklore e tlhalosa jaana: “Tota Halloween e amana le gore motho a ka ikgolaganya le meya, mme gantsi meya eo e a tshosetsa kgotsa e a tshosa.” (Bona lebokoso le le reng, “Tatelano ya Ditiragalo Tsa Halloween.”) Ka tsela e e tshwanang, mekete e le mentsi e e tshwanang le Halloween e tlholega mo boheitaneng e bile e nweleletse thata mo kobamelong ya bagologolwane. Tota le gompieno batho go ralala lefatshe ba dirisa malatsi ano go ikgolaganya le se ba tsayang gore ke meya ya baswi.
Le fa Halloween e tsewa e le holitei ya kwa Amerika, ngwaga le ngwaga batho mo dinageng di le dintsi ba simolola go e keteka. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba simololang go keteka Halloween ga ba itse gore matshwao, mekgabiso le meetlo ya yone, e bontsi jwa yone e amanang le ditshedi tsa maatla a a fetang a tlholego le maatla a a tsamaisanang le boloi, e simologile mo boheitaneng.—Bona lebokoso le le reng, “E Tlholega Kae?”
Diketekete tsa Ba-Wicca [ba bodumedi jwa boloi], ba ba latelang meetlo ya bogologolo ya Ba-Celtic, ba sa ntse ba bitsa Halloween ka leina le e neng e bidiwa ka lone bogologolo e leng Samhain, e bile ba e tsaya e le bosigo jo bo boitshepo go gaisa otlhe mo ngwageng. Fa lokwalodikgang lwa USA Today lo ne lo nopola motho mongwe yo o ipitsang moloi lo ne lwa re: “Bakeresete ‘le bone ba keteka holitei ya rona mme ga ba lemoge. . . . Re rata jalo.’”
Mekete e e tshwanang le Halloween ga e tsamaisane le dithuto tsa Baebele. Baebele e tlhagisa jaana: “Go se ka ga nna le ope mo go lona yo o . . . laolang ka bola, yo o bonelang dilo pele, yo o dirisang botlhodi kgotsa moloi, yo o dirisang dipheko, yo o buang le dipoko kgotsa meya, kgotsa yo o buang le baswi.”—Duteronome 18:10, 11, The Jerusalem Bible; bona le Lefitiko 19:31; Bagalatia 5:19-21.
Ka ntlha ya tshedimosetso e e fa godimo, go botlhokwa gore o itse dilo tse di bosula tse di amanang le tshimologo ya Halloween le mekete e mengwe e e tsamaisanang le yone. Go tlhaloganya dilo sentle jalo go ka nna ga go tlhotlheletsa gore le wena o se ka wa keteka diholitei tseno, fela jaaka batho ba bangwe ba le bantsi ba ba sa di ketekeng.
“Bakeresete ‘le bone ba keteka holitei ya rona mme ga ba lemoge. . . . Re rata jalo.’”—Lokwalodikgang lwa USA Today, lo nopola motho mongwe yo o ipitsang moloi
^ ser. 37 Hallow ke lefoko la bogologolo la Seesemane le le kayang “moitshepi.” All Hallows’ Day (e gape e bidiwang All Saints’ Day) ke holitei e e tlotlomatsang baitshepi ba ba suleng. Maitseboa a pele ga All Hallows’ Day a ne a bidiwa All Hallow Even, e morago e neng ya khutshwafadiwa mme ya nna Halloween.