NSHOLO WE ZWIDIYO 10
LUMBO 31 Lo Tsamayeng le Modimo!
Yedza Jehova na Jesu mu Zila ya u no Kumbula Nayo
“Ndizo se Kirisiti akadziyila mu nyama, mubhatilile mu kusatja kudziyila.”—1 PIT. 4:1.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tlile go tlotla ka dilo tsa botlhokwa tse moaposetoloi Petere a ileng a di ithuta mo tseleng e Jesu a akanyang ka yone. Go tswa foo, re tla bona gore rona re ka ithuta eng mo go tsone.
1-2. Ku lakidza Jehova ludo ko bongwa chini, ngono Jesu wa ka lakidza ichecho chini?
JESU o ile a gatelela gore taelo e e reng, “o tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago le ka mogopolo otlhe wa gago,” e botlhokwa thata mo molaong wa ga Moshe. (Luke 10:27) Ka jalo, re rata Jehofa ka sengwe le sengwe se re nang le sone le sengwe le sengwe se re leng sone. Seno se akaretsa dilo tse re di eletsang, tsela e re ikutlwang ka yone le maatla a rona. Gape se akaretsa tsela e re akanyang ka yone. Gone ke boammaaruri gore ga re ka ke ra kgona go tlhaloganya ka botlalo tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Mme gone, re ka lemoga tsela e a akanyang ka yone ka go ithuta go “akanya jaaka Keresete” ka gonne o akanya jaaka Rraagwe.—1 Bakor. 2:16.
2 Jesu o ne a rata Jehofa ka mogopolo wa gagwe otlhe. O ne a itse se Rraagwe a neng a batla gore a se dire e bile o ne a ikemiseditse go se dira le fa seo se ne se raya gore o ne a tla bogisiwa. E re ka Jesu a ne a batla go itumedisa Rraagwe, o ne a sa letle sepe gore se mo kgoreletse go dira thato ya Gagwe.
3. Mpostolo Pita wa ka zwidiyani mu na Jesu, ngono wa ka kulumbidza Bakirisiti bangwe ku thamani? (1 Pita 4:1)
3 Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba na le tshiamelo e kgolo tota ya go fetsa nako le Jesu le go ithuta tsela e a akanyang ka yone. Fa Petere a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha, o ile a kgothaletsa Bakeresete gore ba ikemisetse go akanya jaaka Keresete. (Bala 1 Petere 4:1.) Mo puong ya ntlhantlha, Paulo o dirisa lefoko le le dirisiwang mo sesoleng e leng “itlhomeleng,” le le tlhalosang masole a a tshwereng dibetsa e bile a ipaakanyeditse go ya ntweng. Ka jalo, fa Bakeresete ba akanya ka tsela e Jesu a akanyang ka yone, ba tla bo ba na le se ba se tlhokang go lwantshana le dikeletso tse di sa siamang le lefatshe leno la ga Satane.—2 Bakor. 10:3-5; Baef. 6:12.
4. Chidiyo ichechi chi nga ti batsha chini ku thama cha ka be chi thangwa na Pita?
4 Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka tsela e Jesu a akanyang ka yone le gore re ka mo etsa jang. Gape re tla bona gore (1) re ka etsa jang tsela e Jehofa a akanyang ka yone, e leng sengwe se se tla re thusang gore re nne le mogopolo o o tshwanang, (2) gore re ka bontsha jang gore re boikokobetso le (3) gore re ka dira jang ditshwetso tse di botlhale fa re ikaega ka Jehofa.
YEDZA ZILA JEHOVA YA A NO KUMBULA NAYO
5. Pita wa ka kongwa ku kumbula sa Jehova chini mu chingwe chibaka?
5 Go na le nako e Petere a neng a sa akanye jaaka Jehofa. Jesu o ne a boleletse baaposetoloi ba gagwe gore o ne a tshwanetse go ya kwa Jerusalema, mme fa a le koo baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tla mo tshwara a bo a bogisiwa le go bolawa. (Math. 16:21) Petere o ne a itse gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng le gore o ne a tlile go boloka batho ba Modimo. Ka jalo, go ka tswa go ne go le thata gore a dumele gore Jehofa o ne a tla letla Mesia gore a bolawe. (Math. 16:16) Petere o ile a tseela Jesu kwa thoko a bo a mo raya a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; dilo tseno ga di kitla di go diragalela.” (Math. 16:22) Jesu le Petere ba ne ba sa dumalane ka kgang eno ka gonne Petere o ne a sa akanye jaaka Jehofa.
6. Jesu wa ka lakidza chini kuti u no kumbula sa Jehova?
6 Jesu o ne a akanya jaaka Rraagwe. O ne a raya Petere a re: “Mpota ka fa morago, Satane! O sekgoreletsi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme o akanya dikakanyo tsa batho.” (Math. 16:23) Jesu o ne a itse gore o ne a tla boga a bo a swa ka gonne a dira thato ya ga Rraagwe. Ka jalo, o ile a gana kakantsho ya ga Petere le fa gone Petere a ne a akanya gore o a mo thusa. Petere o ile a ithuta gore o tshwanetse go akanya jaaka Jehofa. Eo ke ntlha ya botlhokwa e le rona re tshwanetseng go e ithuta.
7. Pita wa ka pelela e lakidza chini kuti u no tolela pezhugwi ku kumbula kwa Jehova? (Bona itshwantsho.)
7 Moragonyana, Petere o ile a bontsha gore o ne a batla go akanya jaaka Jehofa. Ka nako eo, Baditšhaba ba ba sa rupang ba ile ba letlelelwa gore ba nne karolo ya lelapa la ga Jehofa. Petere o ile a laelwa gore a rerele Korenelio. Korenelio o ne a le mo setlhopheng sa ntlha sa Baditšhaba ba ba ileng ba nna Bakeresete. E re ka Bajuda le Baditšhaba ba ne ba sa nosane metsi, Petere o ne a tlhoka go thusiwa pele a dira kabelo e a neng a e neilwe. Fa Petere a lemoga tsela e Jehofa a akanyang ka yone ka kgang eno, o ile a fetola tsela e a neng a akanya ka yone. Ka jalo, fa Korenelio a ne a mo kopa gore a mo etele, o ile a dira jalo a “sa belaele sepe.” (Dit. 10:28, 29) O ile a mo rerela mmogo le ba ntlo ya gagwe e bile ba ile ba kolobediwa.—Dit. 10:21-23, 34, 35, 44-48.
Petere o tsena mo ntlong ya ga Korenelio (Bona serapa 7)
8. Ti nga lakidza chini kuti ku kumbula kwedu ko yendidzana ne kwa Jehova? (1 Pita 3:8 bona ne footnote)
8 Dingwaga moragonyana, Petere o ile a kgothaletsa Bakeresetemmogo le ene gore ba ‘nne le mogopolo o o tshwanang.’ (Bala 1 Petere 3:8.) Rona mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi re ka nna le mogopolo o o tshwanang fa re ithuta tsela e Jehofa a akanyang ka yone mo Lefokong la gagwe re bo re mo etsa. Ka sekai, Jesu o ile a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba dire gore dilo tse di direlwang Bogosi e nne tsa botlhokwa mo matshelong a bone. (Math. 6:33) Ka jalo, fa mongwe mo phuthegong a batla go nna mmulatsela kgotsa go tsenela mofuta mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng, ga re a tshwanela go mo kgothaletsa gore a batle go tshela botshelo jwa go ikgotsofatsa. Go na le moo, re tshwanetse go mo kgothaletsa gore a fitlhelele mokgele wa gagwe e bile re tshwanetse go ithaopela go mo thusa.
ZWIYESE PASI
9-10. Jesu wa ka lakidza chini ku zwiyesa pasi ku kulukulu?
9 Bosigo jwa pele Jesu a bolawa, o ile a ruta Petere le baaposetoloi ba bangwe thuto ya botlhokwa ya go nna boikokobetso. Pelenyana ga foo, o ile a romela Petere le Johane gore ba ye go rulaganya dilo tse ba neng ba tla di tlhoka fa a ja le bone lekgetlo la bofelo pele a swa. Dilo tseo di ka tswa di ne di akaretsa go tlhomamisa gore go na le sekotlele le toulo tse di neng di tla dirisiwa go tlhapisa baeng dinao. Mme gone, ke mang yo o neng a tla dira tiro eo?
10 Jesu ga a a ka a diega go tlhapisa barutwa ba gagwe dinao. O ile a bontsha gore o boikokobetso tota. Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba gakgametse thata ka gonne gantsi tiro eo e ne e dirwa ke motlhanka. Jesu o ile a apola diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle, a tsaya toulo a ipofa ka yone mo lothekeng, a tshela metsi mo sekotleleng a bo a simolola go ba tlhapisa dinao. (Joh. 13:4, 5) Go ka tswa go ile ga tsaya nako gore a tlhapise dinao tsa baaposetoloi ba gagwe botlhe ba le 12 go akaretsa le Judase yo a neng a tlile go mo rekisa. Mme gone, o ile a fetsa. Go tswa foo o ile a re: “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira mo go lona? Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena,’ mme lo nepile, ka gonne ke ene. Ka jalo, fa ke le Morena e bile ke le Moruti mme ke ile ka lo tlhapisa dinao, le lona lo tshwanetse go tlhapisana dinao.”—Joh. 13:12-14.
Go nna boikokobetso go akaretsa se re se akanyang ka rona le ka batho ba bangwe
11. Pita wa ka lakidza ku zwiyesa pasi chini? (1 Pita 5:5) (Bona itshwantsho.)
11 Petere o ile a ithuta go nna boikokobetso mo go Jesu. Fa Jesu a sena go boela kwa legodimong, Petere o ile a fodisa monna mongwe yo o neng a tshotswe a golafetse maoto. (Dit. 1:8, 9; 3:2, 6-8) Ga go pelaelo gore seno se ile sa dira gore batho ba kokoanele Petere. (Dit. 3:11) Kwa Petere a goletseng gone, batho ba ne ba rata maemo. A Petere o ne a tla itlotlomatsa ka ntlha ya se a se dirileng? Nnyaa o ile a isa kgalalelo yotlhe kwa go Jehofa le Jesu. O ile a re: “Ka ntlha ya leina la ga Jesu, le ka gonne re dumela mo go ene, monna yono yo lo mmonang e bile lo mo itse o nonotshitswe.” (Dit. 3:12-16) Mafoko a Petere a ileng a a dirisa fa a ne a kwalela Bakeresete lekwalo a ba kgothaletsa go nna boikokobetso, a ka re gopotsa nako ya fa Jesu a ne a ipofa ka toulo mo lothekeng a bo a tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao.—Bala 1 Petere 5:5 le ntlha e e kwa tlase.
Fa Petere a sena go dira kgakgamatso, o ile a galaletsa Jehofa le Jesu. Le rona re ka bontsha gore re boikokobetso ka go direla batho ba bangwe dilo re sa lebelela gore ba re tlotlomatse (Bona serapa 11-12)
12. Ti nga zwiyesa pasi sa Pita chini?
12 Re ka etsa sekao sa ga Petere ka go leka ka natla go nna boikokobetso. Nna o gopotse gore ga re bontshe fela ka se re se buang gore re boikokobetso. Mafoko a Petere a ileng a a dirisa a a reng “mogopolo wa go ikokobeletsana,” a bontsha gore go nna boikokobetso go akaretsa se re se akanyang ka rona le ka batho ba bangwe. Ka jalo, re bontsha gore re boikokobetso fa re direla batho ba bangwe dilo tse dintle ka gonne re ba rata e bile re rata Jehofa, e seng ka gonne re batla go tlotlomadiwa. Gape re bontsha gore re boikokobetso fa re direla Jehofa le fa re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi, re ka tswa re bonwa kgotsa re sa bonwe.—Math. 6:1-4.
GADZIKANA “MU NKUMBULO”
13. Chenesa kuti ku “gadzikana mu nkumbulo” ko dwani.
13 Go ‘dira ditshwetso tse di botlhale’ go akaretsa eng? (1 Pet. 4:7) Mokeresete yo o dirang ditshwetso tse di botlhale o akanya ka gore Jehofa o ikutlwa jang ka ditshwetso tse a di dirang. O a itse gore ga go na sepe se se botlhokwa go gaisa botsala jwa gagwe le Jehofa. Ga a itseye a le botlhokwa go gaisa ba bangwe e bile o a itse gore ga a itse sengwe le sengwe. Gape o bontsha gore o ikaega ka Jehofa ka go mo rapela ka metlha.
14. Mu chibaka chingwe Pita wa ka kongwa ku themba mu na Jehova chini?
14 Mo bosigong jwa pele Jesu a bolawa, o ile a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Lona lotlhe lo tla ntlhanogela ka ntlha ya se se tla ntiragalelang mo bosigong jono.” Petere o ile a mo araba a le pelokgale a re: “Le fa ba bangwe botlhe ba ka go tlhanogela ka ntlha ya se se tla go diragalelang, nna ga nkitla ke go tlhanogela!” Mo bosigong joo, Jesu o ile a raya bangwe ba barutwa bao a re: “Nnang lo disitse e bile lo rapele lo sa kgaotse.” (Math. 26:31, 33, 41) Fa Petere a ka bo a reeditse kgakololo eo, gongwe a ka bo a ile a nna le bopelokgale jwa go bua gore ke morutwa wa ga Jesu. Go na le moo, o ile a itatola Mong wa gagwe, mme o ile a ikwatlhaela seo fela thata.—Math. 26:69-75.
15. Jesu wa ka gadzikana nkumbulo chini mu busiku gwe bupelo a cha chila?
15 Jesu o ne a ikaega ka Jehofa ka metlha. Le fa a ne a se na boleo, o ile a rapela makgetlo a le mantsi pele a swa. Seo se ile sa mo thusa gore a nne le bopelokgale jwa go dira thato ya ga Jehofa. (Math. 26:39, 42, 44; ) Ga go pelaelo gore Petere ga a a ka a lebala seo. Joh. 18:4, 5
16. Pita wa ka lakidza chini kuti wa ka be a chi gadzikana nkumbulo? (1 Pita 4:7)
16 Fa nako e ntse e tsamaya, Petere o ile a ikaega ka Jehofa. Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ile a bolelela Petere le baaposetoloi ba bangwe gore ba ne ba tla newa moya o o boitshepo gore ba kgone go rera dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a ba laela gore ba lete kwa Jerusalema go fitlha seno se direga. (Luke 24:49; Dit. 1:4, 5) Petere o ile a dira eng fa a ntse a letile? Ene le Bakeresete ba bangwe “ba ne ba rapela ba sa kgaotse.” (Dit. 1:13, 14) Moragonyana mo lekwalo la gagwe la ntlha, Petere o ile a kgothaletsa Bakeresetemmogo le ene gore ba dire ditshwetso tse di botlhale le gore ba rapele ka metlha. (Bala 1 Petere 4:7.) O ne a ithutile go ikaega ka Jehofa e bile o ne a kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi le go ba nonotsha.—Bagal. 2:9.
17. Ta ka fanila dwilila ti thamani, nenguba ti khona thama zwithu zwingwe? (Bona itshwantsho.)
17 Fa re batla go dira ditshwetso tse di botlhale, re tshwanetse go rapela Jehofa ka metlha. Le fa re ka tswa re na le bokgoni bongwe, re a lemoga gore re tshwanetse go nna re kopa Jehofa gore a re thuse. Re ka mo kopa gore a re kaele, segolobogolo fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsa botlhokwa ka gonne re a itse gore o itse se se re siametseng.
Petere o ile a ithuta go ikaega ka Jehofa. Le rona re ka dira ditshwetso tse di botlhale fa re kopa Jehofa gore a re thuse, segolobogolo fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsa botlhokwa (Bona serapa 17) a
18. Ti nga thamani kuti mikumbulo yedu i yendidzane ne ya Jehova?
18 Re leboga Jehofa go bo a re bopile ka tsela e e dirang gore re kgone go nna le dinonofo tse a nang le tsone. (Gen. 1:26) Ke boammaaruri gore ga re ka ke ra kgona etsa Jehofa ka botlalo. (Isa. 55:9) Mme gone, fela jaaka Petere, re batla go ithuta go akanya jaaka Jehofa, go nna boikokobetso le go dira ditshwetso tse di botlhale.
LUMBO 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me
a TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o rapelela mo pelong fa a ntse a letile gore a tlhatlhobelwe tiro.