Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 12

LUMBO 119 Re Tshwanetse go Nna le Tumelo

Dwilila u na ku Galamoyo

Dwilila u na ku Galamoyo

“Toyenda ngogalamoyo, kusi ngobona.”​—2 BAK. 5:7, ntlh.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tla bona gore re ka bontsha jang gore re tsamaya ka tumelo fa re dira ditshwetso tsa botlhokwa.

1. Ini mpostolo Paulo a ka gadzikana moyo ha e linga se kwa a ka to ngo be e chila?

 MOAPOSETOLOI PAULO o ne a itse gore o ne a le gaufi le go bolawa, mme fa a ne a akanya ka tsela e a neng a tshela ka yone, o ne a itumela. O ne a re: “Ke weditse lobelo go ya kwa bofelong, tumelo ya me e sa ntse e nonofile.” (2 Tim. 4:6-8) O ne a dirile tshwetso e e siameng ya go direla Jehofa e bile o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o ne a itumelela tshwetso eo. Le rona re ka dira ditshwetso tse di ka dirang gore Jehofa a re amogele. Re ka dira seo jang?

2. Ko dwiwani ku be ne ku galamoyo?

2 Fa Paulo a ne a bua mafoko a a mo go 2 Bakorintha 5:7, o ne a a lebisa mo go ene le mo Bakereseteng ba bangwe ba ba ikanyegang. O ne a re: “Ga re tsamaye ka se re se bonang, mme re tsamaya ka tumelo.” O ne a raya jang? Ka dinako dingwe Baebele e dirisa lefoko “tsamaya” go tlhalosa tsela e motho a tlhophang go tshela ka yone. Motho yo o se nang tumelo o dira ditshwetso a ikaegile fela ka se a se bonang, se a se utlwang le tsela e a ikutlwang ka yone. Mme motho yo o nang le tumelo ene, o akanya ka Jehofa fa a dira ditshwetso. Se a se dirang se bontsha gore o tlhatswegile pelo gore go dirisa kgakololo e e mo Baebeleng go tla mo tswela mosola le gore Jehofa o tla mo segofatsa.​—Pes. 119:66; Baheb. 11:6.

3. Ku galamoyo ko batsha chini? (2 Bakorinta 4:18)

3 Ke boammaaruri gore ka dinako dingwe rotlhe re a tle re dire ditshwetso re ikaegile ka se re se bonang, se re se utlwang le tsela e re ikutlwang ka yone. Mme gone, re tla nna le mathata a a seng kana ka sepe fa e le gore seo ke sone fela se re ikaegang ka sone fa re dira ditshwetso tsa botlhokwa. Goreng? Ka gonne ka dinako dingwe re ka tsiediwa ke se re se bonang le se re se utlwang. Tota le fa seo se sa direge, fa e le gore re dira ditshwetso re ikaegile ka se re se bonang, se re se utlwang le tsela e re ikutlwang ka yone, re ka nna ra feleletsa re dira sengwe se Jehofa a sa se amogeleng. (Mor. 11:9; Math. 24:37-39) Mme fa re tsamaya ka tumelo, re tla dira ditshwetso tse ‘Morena a di amogelang.’ (Baef. 5:10) Fa re dirisa kgakololo e Jehofa a re nayang yone, re nna le kagiso e bile re a itumela. (Pes. 16:8, 9; Isa. 48:17, 18) Gape go tsamaya ka tumelo go tla dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang.​—Bala 2 Bakorintha 4:18.

4. Nthu u nga bona chini kuti u na ku galamoyo kene u no duma ne ku bona?

4 Re ka itse jang gore re tsamaya ka tumelo kgotsa ka se re se bonang? Re tshwanetse go ipotsa dipotso tseno: Ke ikaega ka eng fa ke dira ditshwetso? A ke ikaega fela ka dilo tse ke di bonang kgotsa ke letla Jehofa gore a nkaele? Mo setlhogong seno re tla bona gore re ka bontsha jang gore re ikaega ka Jehofa mo dilong tseno tse tharo tse re tla tlotlang ka tsone: fa re tlhopha tiro, fa re tlhopha motho yo re ka nyalanang le ene le fa re newa kaelo. Fa re ntse re sekaseka dintlha tseno, re tla bona gore re tshwanetse go akanya ka eng gore re dire ditshwetso tse di siameng.

HA U SHAKA NSHINGO

5. Ta ka fanila lingililani ha ti shaka nshingo?

5 Ke boammaaruri gore rotlhe re batla tiro e e tla re thusang go itlhokomela le go tlhokomela ba malapa a rona. (Mor. 7:12; 1 Tim. 5:8) Mme gone, ditiro ga di tshwane. Mo ditirong tse dingwe, badiri ba amogela madi a a ba thusang go nna le dilo tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi e bile ba kgona go beela a mangwe kwa thoko gore ba a dirise mo nakong e e tlang. Mme mo ditirong tse dingwe, badiri ba amogela madi a a ba thusang go naya ba malapa a bone dilo tse ba di tlhokang fela. Ga go pelaelo gore fa re batla tiro, re batla go itse gore re tla amogela bokae, mme fa e le gore seo ke sone fela se re akanyang ka sone fa re batla tiro, go raya gore ga re na tumelo.

6. Ti nga be ne ku galamoyo chini ha ti shaka nshingo? (Bahebera 13:5)

6 Fa re tsamaya ka tumelo, gape re tla akanya gore tiro eo e tla ama jang botsala jwa rona le Jehofa. Re ka ipotsa dipotso tseno: “A Jehofa o amogela tiro eno kgotsa a e tla dira gore ke dire dilo tse a di tlhoileng?” (Diane 6:16-19) “A e tla dira gore ke se ka ka kgona go nna teng kwa dipokanong le gore ke tlhoke nako ya go ya tshimong le go ithuta Baebele? Kgotsa a e tla dira gore ke kgaogane le ba lelapa la me ka lobaka lo loleele?” (Bafil. 1:10) Fa e le gore go ntse jalo, go tla bo go le botlhale gore o se ka wa amogela tiro eo tota le fa go le thata go bona tiro. E re ka re tsamaya ka tumelo, re dira ditshwetso tse di bontshang gore re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla re naya dilo tse re di tlhokang.​—Math. 6:33; bala Bahebera 13:5.

7-8. Nzwalani nngwe we South America wa ka lakidza ku galamoyo chini? (Bona itshwantsho.)

7 Mokaulengwe mongwe wa kwa South America yo o bidiwang Javier, a o ne a itse botlhokwa jwa go tsamaya ka tumelo. A re: “Ke ne ke tsentse kopo ya go bona tiro e ke neng ke e rata thata e bile ke ne ke tla duelwa madi a a fetang gabedi a ke neng ke a duelwa kwa tirong ya me ya ntlha.” Javier o ne a batla go nna mmulatsela. A re: “Ke ne ka tlhophiwa gore ke ye go tlhatlhobelwa tiro eo. Mme pele ga foo, ke ile ka rapela ke tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a itse se se ntshiametseng. Ke ne ke batla madi a a oketsegileng, mme ke ne ke sa batle tiro eo fa e le gore e ne e tla nkgoreletsa go direla Jehofa.”

8 Javier a re: “Fa ke ne ke tlhatlhobelwa tiro, manejara o ile a mpolelela gore ke tla tshwanelwa ke go bereka nako e e oketsegileng. Ke ile ka mmolelela ka tlotlo gore nka se kgone go dira jalo ka gonne ke batla go direla Jehofa.” Javier ga a a ka a amogela tiro eo e bile o ile a nna mmulatsela mo dibekeng di le pedi tse di neng tsa latela. Moragonyana mo go one ngwaga oo, o ile a bona tiro e e neng e mo letla go bereka malatsi mangwe. A re: “Jehofa o ile a araba thapelo ya me e bile o ile a nnaya tiro e e neng e ntetla go tswelela ke le mmulatsela. Ke itumelela gore tiro eno e dira gore ke kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng le go thusa bakaulengwe.”

Fa o newa maemo mangwe kwa tirong, a tshwetso e o e dirang e bontsha gore o tlhatswegile pelo gore Jehofa o itse se se go siametseng? (Bona serapa 7-8)


9. U nga zwidiyani mu na cha ka shingikalila Trésor?

9 Re ka dira eng fa re lemoga gore tiro ya rona e dira gore go nne thata gore re tswelele re atamalane le Jehofa? Akanya ka se se ileng sa diragalela Trésor wa kwa Congo. A re: “Tiro ya me e ne e ntuela madi a le mantsi. Madi ao a ne a feta gararo a ke neng ke a duelwa kwa tirong ya me ya ntlha e bile batho ba ne ba ntlotla.” Le fa go ntse jalo, Trésor o ne a nna fela a seyo kwa dipokanong ka gonne a bereka nako e e oketsegileng. Gape ka dinako dingwe batho ba a neng a bereka le bone ba ne ba mo pateletsa gore a bolelele batho maaka gore ba se ka ba itse gore dilo dingwe di dirilwe ka boferefere. Trésor o ne a batla go tlogela tiro eo, mme o ne a ipotsa gore o tla bona kae tiro e nngwe. Ke eng se se ileng sa mo thusa? A re: “Habakuke 3:17-19 e nthusitse go tlhaloganya gore le fa nka felelwa ke tiro Jehofa o ne a tla ntlhokomela. Ka jalo, ke ile ka e tlogela. Batho ba le bantsi ba akanya gore fa o duelwa madi a le mantsi o tla dira sengwe le sengwe gore o tswelele o na le tiro eo, tota le fa e dira gore o se ka wa nna le nako ya go nna le ba lelapa la gago kgotsa ya go obamela Modimo. Ke itumelela gore ke ile ka tswelela ke atamalane le Jehofa le ba lelapa la me. Moragonyana, Jehofa o ile a dira gore ke bone tiro e e nthusang go nna le dilo tse ke di tlhokang le go mo direla. Fa re dira gore go direla Jehofa e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa rona, re ka nna ra se ka ra nna le madi a mantsi. Mme gone, Jehofa o tla re tlhokomela.” Fa re dirisa kgakololo e Jehofa a re nayang yone e bile re tshepa gore o tla dira se a re solofetsang sone, re tla tswelela re tsamaya ka tumelo e bile o tla re segofatsa.

HA U SHAKA NKHWINYA WE NDOBOLO

10. Ini chi nga thama kuti ti linge zwithu zwa ti no bona ne mesho koga ha ti shaka nkhwinya we ndobolo?

10 Lenyalo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa e bile ke ga tlholego fela gore motho a batle go nyala kgotsa go nyalwa. Fa kgaitsadi a batla motho yo a ka nyalanang le ene a ka nna a lemoga gore mokaulengwe mongwe o na le botho jo bo kgatlhang, o montle, o itiretse leina le lentle, o na le madi, o bontsha gore o na le maikarabelo e bile o dira gore a itumele. b Dintlha tseno di botlhokwa. Mme gone, fa e le gore ke tsone fela tse a akanyang ka tsone, seo se ka tswa se bontsha gore ga a na tumelo.

11. Ti nga be ne ku galamoyo chini ha ti shaka nkhwinya we ndobolo? (1 Bakorinta 7:39)

11 Jehofa o itumela tota fa a bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba dirisa kgakololo e a ba nayang yone fa ba tlhopha motho yo ba ka nyalanang le ene. Ka sekai, ba dirisa kgakololo ya gore ba se ka ba itlhaganelela lenyalo, go na le moo ba eme pele gore ba gole. (1 Bakor. 7:36) Fa ba batla motho yo ba ka nyalanang le ene, ba leba dinonofo tse Jehofa a reng di tla thusa monna le mosadi gore lenyalo la bone le atlege. (Diane 31:10-13, 26-28; Baef. 5:33; 1 Tim. 5:8) Fa motho yo e seng Mosupi a ba kgatlhegela, ga ba ratane le ene ka gonne ba a itse gore Baebele e a re re nyale “mo Moreneng fela.” (Bala 1 Bakorintha 7:39.) Ba dira jalo ka gonne ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone e bile o batla go ba thusa.​—Pes. 55:22.

12. U nga zwidiyani mu na cha ka shingikalila Rosa?

12 Ela tlhoko se se ileng sa diragalela mmulatsela wa kwa Colombia yo o bidiwang Rosa. Monna mongwe yo e seng Mosupi yo a neng a bereka le ene o ne a simolola go mo kgatlhegela. Rosa le ene o ne a mo kgatlhegela. A re: “O ne a lebega e le motho yo o siameng e bile o ne a thusa batho. Ke ne ke rata tsela e a neng a dirisana le nna ka yone. O ne a na le se ke neng ke se batla, mme kgang fela ke gore e ne e se Mosupi. Go ne go le thata gore ke gane go ratana le ene ka gonne ke ne ke batla go nyalwa. Ka nako eo ke ne ke jewa ke bodutu, mme ke ne ke sa kgone go bona ope mo phuthegong.” Rosa ga a a ka a tlhoma mogopolo mo go se a neng a se batla. O ne a ipotsa gore tshwetso e a tla e dirang e ne e tla ama jang botsala jwa gagwe le Jehofa. Ka jalo, o ile a kgaotsa go ikopanya le monna yoo, mme a dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa. Go ise go ye kae, Rosa o ile a lalediwa kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi e bile gone jaanong ke mmulatsela yo o kgethegileng. A re: “Jehofa o ntshegofaditse ka ditsela di le dintsi e bile ke itumetse tota.” Le fa ka dinako dingwe go le thata go dira se Jehofa a se batlang, segolobogolo fa e le sengwe se re se ratang, ka metlha go mo reetsa go re tswela mosola.

HA U LAKIDZIWA KUTI HWALO DZO TINI

13. Ini chi nga thama kuti ti thame zwithu ne zila yedu nenguba ti lakidziwa hwalo?

13 Gantsi bagolwane, molebedi wa potologo, ofisi ya lekala le Setlhopha se se Laolang ba re naya ditaelo tse di re thusang go obamela Jehofa. Mme gone, ka dinako dingwe re ka nna ra se ka ra tlhaloganya gore ke eng fa bakaulengwe bano ba re naya ditaelo tseo. Re ka nna ra di belaela. Gape re ka simolola go akanya thata ka diphoso tsa bakaulengwe ba ba re nayang kaelo eo.

14. Ini chi nga ti batsha ku be ne ku galamoyo ha ti lakidziwa hwalo? (Bahebera 13:17)

14 Fa re tsamaya ka tumelo, re a tshepa gore Jehofa o kaela phuthego ya gagwe le gore o itse maemo a rona. Seo se dira gore re nne bonako go ikobela ditaelo tse re di newang, e bile re dira jalo re sa ngongorege. (Bala Bahebera 13:17.) Re a itse gore fa re dira jalo go tla nna le kagiso mo phuthegong. (Baef. 4:2, 3) Gape re a itse gore tota le fa bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba dira diphoso, Jehofa o tla re segofatsa fa re ba ikobela. (1 Sam. 15:22) Ka nako e e tshwanetseng, o tla baakanya dilo fa go tlhokega.​—Mik. 7:7.

15-16. Ini cha ka batsha nzwalani nngwe ku be ne ku galamoyo nenguba a ka be e bilayela hwalo dza a no lakidziwa? (Bona itshwantsho.)

15 Se se diragetseng kwa Peru se re bontsha gore go botlhokwa go tsamaya ka tumelo. Le fa go buiwa Se-Spanish thata mo nageng eno, batho ba le bantsi mo tshimong ba bua dipuo tse dingwe. Nngwe ya dipuo tseo ke Se-Quechua. Go ne go fetile dingwaga di le dintsi bakaulengwe le bokgaitsadi ba batla batho ba ba buang puo eno mo tshimong. Le fa go ntse jalo, gore tiro eno e dirwe go dumalana le melao ya puso, go ile ga dirwa diphetogo tsa gore batho bao ba ka bonwa jang. (Bar. 13:1) Seo se ile sa dira gore bangwe ba ipotse gore a phetogo eo ga e kitla e kgoreletsa tiro ya go rera. Mme e re ka bakaulengwe ba ile ba ikobela kaelo eo, Jehofa o ile a ba segofatsa. Ba ile ba kgona go bona batho ba le bantsi ba ba buang Se-Quechua.

16 Mogolwane mongwe yo o bidiwang Kevin yo o mo phuthegong ya Se-Quechua e ne e le mongwe wa ba ba neng ba tshwentswe ke phetogo eo. A re: “Ke ne ke ipotsa gore a tota re tla bona batho ba ba buang Se-Quechua.” Kevin o ile a dira eng? A re: “Ke ile ka gopola Diane 3:5. Gape ke ile ka akanya ka Moshe. Jehofa o ile a mo naya ditaelo tse di neng di lebega di sa utlwale. O ile a mo laela gore a etelele Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto go ya kwa Lewatleng le Lehibidu. Fa Baegepeto ba ba lelekisa, go ne go lebega ba se na kgoro ya botso. Mme gone, Moshe o ile a ikobela Jehofa e bile o ile a mo segofatsa ka go dira kgakgamatso.” (Ekes. 14:1, 2, 9-11, 21, 22) Kevin o ne a ikemiseditse go rera ka tsela eo e ntšha. Go ile ga felela jang? A re: “Ke ile ka gakgamalela tsela e Jehofa a ileng a re segofatsa ka yone. Mo nakong e e fetileng, re ne re tsamaya lobaka lo loleele mo tshimong mme ka dinako dingwe re bo re fitlhela motho a le mongwe kgotsa ba le babedi fela ba ba buang Se-Quechua. Gone jaanong re bereka ditshimo tse di nang le batho ba le bantsi ba ba buang Se-Quechua. Seo se dira gore re kgone go tlotla le batho ba le bantsi, re boele kwa go bone le gore re ba tshwarele dithuto tsa Baebele. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba nna gone kwa dipokanong.” Fa re tsamaya ka tumelo, ka metlha Jehofa o a re segofatsa.

Batho ba le bantsi ba ne ba bolelela bakaulengwe gore ba ka bona kae batho ba ba buang Se-Quechua (Bona serapa 15-16)


17. Wa zwidiyani mu chidiyo ichechi?

17 Re setse re tlotlile ka ditshwetso tse tharo tse re ka di dirang go bontsha gore re tsamaya ka tumelo. Mme gone, re tshwanetse go dira jalo le mo maemong a mangwe, jaaka fa re tlhopha boitlosobodutu le fa re dira ditshwetso tsa gore re tla tsweletsa dithuto go fitlha kae kgotsa re tla godisa bana jang. Fa re dira ditshwetso ga re a tshwanela go akanya fela ka se re se bonang, gape re tshwanetse go akanya ka botsala jwa rona le Jehofa, kgakololo e a re nayang yone le gore o re solofeditse gore o tla re tlhokomela. Fa re dira jalo re tla kgona go “ikobela Jehofa, Modimo wa rona ka bosakhutleng le go ya go ile.”​—Mik. 4:5.

LUMBO 156 Ka Tumelo

a Maina mangwe a fetotswe.

b Serapa seno se bua ka kgaitsadi yo o batlang motho yo a ka nyalanang le ene. Mme gone, mokaulengwe yo o batlang go nyala le ene a ka dirisa kgakololo eno.